Temokerasi ya rona ke yona e e tla re thusang gore re tšhwemoge mo dinaleng tsa COVID -19

vukuzenzele unnamed

Go le gantsi ga re ke re bona mosola wa te-mokerasi ya rona.
Fela ke yona selo se se botlhokwa thata fa re le mo kgaratlhong ya go fenya leroborobo la mogare wa corona.
Mo lefatsheng re e nngwe ya dinaga tse di nang le baagi ba bantsi ba ba rarabololang matsapa a bona ka ditsela tsa sepolotiki. Dipatlisiso tsa  ngwaga wa 2018 tse di dirilweng ke Pew Research Center di ribolotse gore maAforika Borwa a itshepetse thata mo ditharabololong tsa sepolotiki fa go tla mo mererong eo ba dumelang thata mo go yona, e e jaaka ya tlhokomelo ya boite-kanelo, ya thuto, ya kgololesego mmogo le ya bonweenwee.Dipatlisiso tseno di supa seo re se itseng ka rona. Ga go sepe se re se ratang thata go tshwana le go bontshana mabaka le puso mmogo le batho ba borona fa go tla mo mererong e e botlhokwa. Re na le baagi ba ba matlhagatlhaga mo setšhabeng bao ka dinako tsotlhe ba emeng sejaro go emelela dikgololesego le ditshwanelo tsa rona tse di botlhokwa.E nngwe ya dilo tse re di fitlheletseng ka temokerasi ya rona ke gore moAforika Borwa mongwe le mongwe o dumela gore Molaotheo o a mo sireletsa le gore dikgotlatshekelo tsa rona ga di tsaye letlhakore e bile di tlhokomela dikgatlhegelo tsa bona.Ke gopoditswe seno fa ke ne ke le kwa Kapa Botlhaba go tlhatlhoba maemo a poro-fense gore a tsamaya kae mo go ipaakanyetseng go samagana le mogare wa corona.Yo mongwe wa babegadikgang o ne a mpotsa gore a ga ke tshwenngwe ke dikgetse tse di leng teng ga jaana tsa go nkisa kgotlatshekelo tse di emang kgatlhanong le dikarolo tse di rileng tsa Molao wa Tsamaiso ya Masetlapelo. Molao ono ke ona o melawa-nataolo e mengwe e tswang ka leina la ona go latela fa re ne re begela baagi gore naga e tsene mo kgatong ya maemo a masetlapelo e le go lwantshana le mogare wa corona.Go tloga motsing o matsapa ano a simolotseng ka ona, batho ba le bantsinyana ba diragaditse ditshwanelo di le dintsinyana mme ba re isa kwa kgotlatshe-kelo. Kgetse ya ntlha ya go lwantshana le melaokiletso ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e ne ya isiwa kwa kgotlatshekelo mo bekeng ya ntlha re simolotse ka dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng re isiwa ke moagi wa kwa Mpumalanga yo a neng a batla gore a se ilediwe go tsaya leeto go ya lesong.Mo dibekeng di le supa tse di latetseng re bone dikgetse di le dintsinyana tse di re isang kwa kgotlatshekelo go tswa mo bathong ba le bantsinyana, dikereke, mekgatlho ya sepolo-tiki, mekgatlho e e seng ya puso (di-NGO) mmogo le go tswa le mo dikgwebong di le dintsinyana tse di ganetsanang le kiletso e e rileng kgotsa dikiletso tse di rileng tsa melaokiletso e e sa ba itumediseng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng. Ba bangwe ba fentse dikgetse tseo fa ba bangwe bona ba reteletswe. Ba bangwe ba tlha-loseditse kgotlatshekelo gore dikgetse tsa bona di tlhoka go rarabololwa ka lepotlapotla mme dikgetse tsa bona di ne tsa tshololwa ka mabaka a gore ga di a potlaka fa ba bangwe ba atlegile go bona ditharabololo tseo ba neng ba di lebeletse. Ba bangwe bona ba ne ba gogela dikgetse tsa bona kwa morago go latela go buisana le puso.Le fa tota re batla go efoga dikgato tsa go isa puso kwa kgotlatshekelo, re tshwanetse re amogele gore baagi ba ba sa itumedisiwang ke dikgato tse di rileng tse puso e di tsereng ba na le tshwanelo ya go leba kwa dikgotlatshekelo tsa rona go kopa katlholo nngwe le nngwe e e ka ba kgotsofatsang. Tseno ke dikgato tse di tlwaelegileng mo molaotheong wa temokerasi e bile ke seo se amogetsweng ka diatla tsoopedi mo nageng eo e obamelang go busiwa ka molao.Re tsentse tirisong dikgato tsa maikarabelo go netefatsa gore karolo nngwe le nngwe ya puso e ikarabela ka tshwanelo mo diphuruphutsong tse di mabapi le molaotheo. Fa re fitlhelwang e le gore re sitetse batho, re tla rwesiwa maikarabelo ke dikgotlatshekele, mme go feta moo, baagi ba rona le bona ba tla tlhoka gore re ikarabele mo go seo. Ntle le dikgotlatshekelo tsa rona, re ikarabela gape le mo go Ditheo tse di Sireletsang Mola-otheo wa Temokerasi tse di ne-tefatsang gore ditshwanelo tsa baagi ba rona di a diragadiwa mmogo le ditheo tsotlhe tse di leng teng tse di samaganang le ditiro tsa go ikgatolosa molao ga puso e leng tseo di netefatsang fa molao o obamelwa.Jaaka ke boleletse mmega dikgang yono gore, moAfo-rika Borwa yo mongwe le yo mongwe o na le tshwanelo ya go re bulela kgetse kwa kgotlatshekelo, mme le nna, jaaka ke le Moporesitente, ga ke na  tshwanelo ya go ka ema fa pele ga ope go mo thibela go dira-gatsa tshwanelo ya gagwe.Go ntse go na le dipuo tse di ganetsanang le melaokiletso e e galefileng ya ka fao re tsibo-gelang mogare wa corona ka yona, mme di tla tswelela go nna teng, go simolola ka ditsela tseo re bokeletsang le go dirisa tshedimosetso eno ka yona go phopholetsa, go tsenyeletsa le seelo se se sa itumediseng se se tlhodilweng ke go sekega nakwana ditiro tsa ka fa na-geng, mmogo le melaokiletso e e leng teng. Re le puso ga re ise re ikuele gore dikganetsano tsa mothale ono di tshosediwe kana di fedisiwe.Boammaruri tota ke gore, dikganetsano dingwe le dingwe, fa di le mosola, di re thusa gore re fetole ditsela tsa rona gore re kgone go tsamaya ka lebelo mo diphetogong le mo dikgatong tse re di tsayang. E re bula matlho mo go tseo re neng re sa di bone gore re kgone go tlhaloganya dikgwetlho tse re tobaneng le tsona botoka.Ke kgale re ntse re bua gore fa go tla mo ditshwetsong tse re di tsayang mo go samaganeng le mogare wa corona mmogo le mo go kwaleng melaokiletso ya teng, re kaelwa ke tshe-dimosetso e e leng teng ya saense, ikonomi le e nngwe e e botlhokwa e e leng teng. Fa go kgonegang mo dikgwetlhong tseno tse re tobaneng le tsona, re ikemiseditse go batla maikutlo a batho mmogo le go utlwa se se leng mo mafatlheng a bona. Re batla gore maAforika Borwa otlhe e nne karolo ya dikgato tseno tsa ka fa nageng. Maikutlo a baagi a tlhoka go sekegelwa tsebe le mo dinakong tse di boima di tshwana le tseno.Leroborobo la mogare wa co-rona mmogo le dikgato tse re di tsereng go lwantshana le lona di tlisitse maima mo matshelong a batho ba borona. Di tlhotlhile dikgoreletsi di thiba letsatsi le tshotlego e e seng kana ka sepe. Le fa tota re ka supa dikgato tse re di tsereng go fokotsa lebelo la gore mogare ono o aname, go santse go le go gontsi go re tlhokang go go dira. Di-beke le dikgwedi tse di tlang di tla re ketefalela mme di tla tlhoka gore batho ba borona ba itime go le gontsi go feta mo malobeng.Ka jalo leroborobo leno le tla tswelela go ketefaletsa setšhaba sa rona le ditheo tsa rona. Le fa re tla bo re bulela ditiro tsa ikonomi kgato ka kgato, maemo a ditlhokwa tsa batho ona a tla amega tota. Fa re santse re samagana le bothata jono, re tla tswelela go thulana ka ditlhogo, go se dumelane le go ganetsana.Jaaka re tla bo re mekamekana le seemo se se sa iketlang, Mola-otheo wa rona e tla nna sekaedi se segolo se se re supetsang tsela le go re sireletsa. Temokerasi ya rona e e matlhagatlhaga e re naya matla le tsetsepelo e re e tlhokang gore re supuge mo boteng jwa mathata ano.Fela jaaka puso e dumela gore dikgetse tsotlhe tse di isitsweng kwa kgotlatshekelo ke baagi ga di a tlhotlhelediwa ke bolotsana bope, le rona re tshwanetse go dumela gore ditshwetso tse di tsewang ke puso le tsona di tsewa go sena bolotsana bope e bile maitlhomo a tsona ke go tsholetsa dikgatlhegelo tsa maAforika Borwa go na le go tlisa dikgotlang.Maitlhomomagolo a rona e santse e le ona a go boloka matshelo a batho. Tshwetso nngwe le nngwe e re e tsayang e ikaegile ka tlhokego ya go babalela matshelo le seriti sa batho jaaka go tlhalositswe mo Molaotheong.Re tla tswelela go amogela di-kakanyo tse di farologaneng le tsa rona – tota le tse di re tlontlololang – tse di mabapi le ka fao re samaganang le mogare wa corona. Dikakanyo tsotlhe di a re fatlhosa le go re thusa gore re dire dilo botoka le ka botlhale.Go diragatsa ditshwanelo tsa kgololesego ya go ntsha maikutlo a gago, go ikamanya le batho ba bangwe le go bua jaaka o rata ke ditshupetso tse di supang ka fao temokerasi ya rona e dirang sentle ka teng. Mme go feta seno ke gore ditshwanelo tseno di botlhokwa thata gore naga ya rona e kgone go atlega mo kgaratlhong e re e tshwaraganetseng ya go fenya mogare ono wa corona.