Dikgato tsa go kaela ka fao dimaseke tsa go hema di dirisiwang ka teng

vukuzenzele unnamed

Lefapha la Boi tekanelo la naga le rotloetsa gore mongwe le mongwe mo Aforika Borwa a rwale maseke wa go hema o o dirilweng ka lesela (o gape o itsegeng ka gore ke maseke o e seng wa ditirelo tsa kalafo) fa a le fa gare ga batho.
  Bapagami ba ba tsama-yang ka dithekisi le mefuta e mengwe ya dipalangwa tsa botlhe, ga mmogo le batho ba ba tlholang mo mafelong a go sa kgona-galeng go ka katoga batho mo go ona, ba tshwanetse go rwala dimaseke tsa go hema tse di dirilweng ka lesela.
  Mosola o mogolo ka go rwala dimaseke tsa go hema ke go fokotsa ma-rothodi a mantsi a mogare wa corona  (COVID-19) a a gotlholwang ke bao e ba tshwaeditseng ka go fokotsa go anama ga yona.
 Jaaka batho ba bangwe ba ba nang le mogare wa corona  ba ka tswa ba se na matshwao kgotsa ba ka tswa ba sa itse gore ba tshwaeditswe, mongwe le mongwe o tshwanetse go rwala dimaseke tsa go hema.
Botlhokwa jwa dimaseke tsa lesela mo go hemeng mowa o o phepa Dimaseke tsa lesela di rotloediwa go dirisiwa jaaka karolo ya go hema mowa o o phepafetseng kgotsa jaaka didirisiwa tsa go tshegetsa maitsholo a a tsamaisanang le go nna phepa a a tsenyeletsang go gotlholela le go ethimolela ka fa teng ga letsogo le le kobilweng mo sekgonong kgotsa ka fa teng ga thišu.
 Maseke wa go hema o tshwanetse go tswalela nko yotlhe le molomo otlhe ka fa teng. Maseke ga o a tshwanelwa go gogelwa kwa tlase fa o bua, o go-tlhola kgotsa o ethimola. Go botlhokwa thata gore dimaseke di dirisiwe ka tshwanelo. Go se di dirise ka tshwanelo go ka dira gore badirisi ba itsenye mo kotsing ya go fetetsa COVID-19 .
 Le fa o rwele maseke o tshwanetse go:
• tlhapa diatla tsa gago• itisa gore o katoga batho  ba bangwe • gopola go dirisa letsogo  le le kobilweng fa o  gotlhola le go ethimola• se tshware matlho a  gago, nko kgotsa  molomo ka diatla tse  di maswe.
Batho botlhe ga ba tshwanela go dirisa di-maseke tsa go hema tsa N-95 tse di dirisiwang ke dingaka ka gonne tseo di beetswe go dirisiwa ke badiredi ba tsa boitekanelo le ba bangwe ba ditirelo tsa tshoganyetso.  vMotsheganong 2020 Kgatiso 2O ka tlhokomela jang maseke wa gago wa lesela 1.  Dirisa fela maseke o o tlhatswitsweng ebile o sidilotswe ka aene.2. Tlhapa diatla tsa gago pele ga gore o rwale maseke.3. Lebaganya letlhakore le le maleba la maseke le sefatlhego sa gago, mme o netefatse gore o tswalela nko yotlhe le molomo otlhe. 4. Bofa megala ka mo morago ga tlhogo ya gago, kgotsa fa o dirisa direkere, dira bo nnete jwa gore le tsone di ngangegile.5. Dira bo nnete jwa gore o go lekana sentle. Nna o o sutasutisa go bona gore o nna sentle. O seke wa kgo-ma karolo ya lesela mo go ona.6. Fa o sena go rwala maseke, O SEKE WA KGOMA SEFATLHEGO SA GAGO go fitlha o o rola.7.  Fa o o rola, bofolola megala kgo-tsa direkere, mme ka kelotlhoko o mene maseke ka go o tlhanola, o tshware ka megala/direkere mme o o baye ka fa teng ga sejana se o tlhatswetsang dimaseke tsa gago tsa lesela mo go sona.8. Pele o ka dira sengwe le sengwe, tlhapa pele diatla tsa gago ka manontlhotlho mme morago o di phimole.9. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le dimaseke di le pedi gore a kgone gore fa o tlhatswitse o mongwe a bo a na le o mongwe o a ka o rwalang.10. Dimaseke di tshwanetse go tlhatswiwa ka sesepa le metsi a a bole-lo, di rintshiwe ka manontlhotlho le go sidilolwa ka aene.
Botlhokwa jwa go katoga batho ba bangwe Mo ntweng kgatlhanong le mogare ono o o tshwaetsanang thata wa COVID-19 , go katoga batho ba bangwe go botlhokwa thata go thusa go fokotsa go nama ga mogare ono ka fa nageng.Go katoga batho ba bangwe go raya gore re katogane ka sekgala se se tla re babalelang sa dimitara di ka nna pedi gore re kgone go ka fokotsa tshwaetsano ya COVID-19 . Go itlwaetsa se go botlhokwa thata jaaka re le mo gare ga leroborobo leno la mogare wa corona  mo mogare ono o fetelanang go tswa mo mothong go ya go yo mongwe ka marothodi fa o ethimola, o gotlhola kgotsa o bua.Go diragatsa dikgato tsa go katoga batho ba bangwe mmogo le tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ka fa nageng ya Aforika Borwa go botlhokwa thata mo go fokotseng tshwaetsano, mme seno se iponagaditse ka go fokotsega ga palo ya batho ba ba tshwaeditsweng .
Tshedimosetso eno o e tlisediwa ke ba Lefapha la Boitekanelo.