Tla re lwantshaneng le COVID-19  re le seoposengwe

vukuzenzele unnamed

Lefatshe lotlhe le kakatletse dingana tsa leuba la mogare wa corona , leo le tshwaetsanang ka lebelo le le seng kana ka sepe. Ente ya thibelaketegelo le yona ga e ise e bonwe. Batho ba feta ba le 3.4 milione mo lefatsheng lotlhe go itsege gore ba tshwa etsegile fa ba feta ba le 240 000 bona ba thutse botala ka tlhogo. Eno ke nako ya selelo sa khurano ya meno.  Mo dibekeng di le thataro tse di fetileng, fa go ne go goelediwa gore re mo motsing wa maemo a mase-tlapelo mo nageng, Aforika Borwa o ne a na fela le dikgetse di le 61 tse di netefaleditsweng tsa batho ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa corona . Le fa palo ya rona e ne e le kwa tlase, ditshitshinyo tsa bai-tseanape mmogo le maitemogelo go tswa mo go seo re se boneng kwa dinageng tsa boditšhabatšha-ba re ne re itse gore maemo a tshwaetsego a tla tlhatloga le go anama. Ke ne ka itsese gore re tla tlhoka go tsaya dikgato ka bonako le tse di sa tlwaelegang.Dikgato tseno – tse gare ga tsona di tsenyeletsang go sekega na-kwana ga ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara mmogo le go tswalelwa ga melelwane – di nnile mosola mo go fokotseng lebelo la go anama ga bolwetse jono.  Seno se kgonagetse ka ntlha ya gore maAforika Borwa a le mantsinyana a obametseng melawana ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, ba itlwaetsa go katoga batho ba bangwe gore ba se  kgo-tlagane mmogo le go itlwaetsa go apara dimaseke tsa go hema. Ke le rolela hutshe mo go seno mmogo le mo dikgatong tsotlhe tsa go ike-ntsha setlhabelo tseo le di tsereng.Mo nakong ya ga jaanong ya fa e sale re aparelwa ke leuba leno, dinaga tse dingwe ditshwaetsego tsa tsona di ne di le kwa godimo thata go gaisa ya rona. Go fitlha mo motsing wa jaanong – mo e setseng e le matsatsi a le 46 fa e sale re nna le kgetse ya bo 100 ya mogare wa corona  – jaanong re na le dikgetse di le 6 783 tse di netefaleditsweng.  Naga ya Italy, e palo ya baagi ba yona e lekanang le ya baagi ba rona, e ne e setse e begile dikgetse di le 140 000 fa Amerika yona e begile dikgetse di le 700 000 tse di netefaleditsweng mo matsatsing a le 46 a a tshwailweng.Fela seno ga se raye gore re dule mo kotsing. Tota ga re ise e bile re fitlhe mo maemong a a gagame-tseng a tshwaetsego mo nageng ya Aforika Borwa. Mefuta yotlhe ya saense e supa gore lebelo la go tshwaetsega le tla tswelela go oke-tsega mo dikgweding tse di tlang di le dintsinyana.Le fa go le jalo, lebelo leo ka lona mogare ono o anamang ka lona mmogo le palo ya batho ba go fitlhelwang ba tshwaetsegile di tla itshetlega mo dikgatong tseo re tla di tsayang ga jaana. Ke ka ntlha ya seno go tswa mo dikgatong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go tshwanetse go diraga-diwa ka iketlo le ka kelotlhoko. Ke a itse gore seno se bokete jang e bile ke tlhaloganya le matshwenyego a bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba a tlhagisitseng ka ga mekgwa eo melawanataolo eno e kgoreletsang le go fokotsa ditshwanelo tsa bona.
Fela dikgato tseno tsotlhe tse re di tsayang di botlhokwa. Maika-rabelomagolo a rona ke go boloka matshelo a batho.Go katoga batho mmogo le go itlhokomela ka go iphepafatsa ka tshwanelo e santse e le ditsibogelo tsa rona tse di kwa setlhoeng tsa go ipabalela mo kgaratlhong e re tobaneng le yona. Dikgato tseno ke tsona tse di kaelang melawanatao-lo e re e tsentseng tirisong mabapi le kgato ya bone ya go samagana le bolwetse jono.  Ditshwetso tsa rona di ikaegile ka bopaki jo bo sa itayeng sefoletsa, tshedimosetso e e ikaegileng ka dikeletso tsa saense le tsa ikonomi mmogo le ditshwetso tse di mosola tse di ntseng di tsewa mo maemong a boditšhabatšhaba. Ka ngwaga wa 1995 katlholo e e fedisitseng dithata tsa batho gootlhaya ba bangwe ka polao kgotsa ka go kgwatisiwa e e rebotsweng ke Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Rre Arthur Chaskalson e ne e re: “Ditshwanelo tsa botshelo jwa motho mmogo le tsa seriti sa motho di botlhokwa go le maswe go gaisa ditshwanelo tse dingwe tse di leng teng tsa batho mme e bile ditshwanelo tseno ke tsona moodi wa ditshwanelo tse dingwe tsotlhe tsa batho. Ka go ikana go nna setšhaba se se itshetlegileng mo ditshwanelong tsa batho re gapeletsega go tlotlomatsa di-tshwanelo tseno di le pedi go gaisa tse dingwe tsotlhe.”Melawanataolo e re e tsentseng tirisong ga jaana e itshetlegile ka maikano ano a go tlotlomatsa di-tshwanelo tsa botshelo jwa motho mmogo le tsa seriti sa motho, mme seno se tota se bonagala – mo dikga-tong tse di sa tlwaelegang – mo go kganetseng nakwana ditshwanelo tse dingwe tsa batho, tse di jaaka ditshwanelo tsa motsamao le tsa go ikamanya le batho ba bangwe.Mo go direng seno, naga ya Afori-ka Borwa e dirile fela jaaka dinaga tse dingwe le tsona di dirile.Palo e e ka balelwang go a le mongwe go ba le batlhano mo palong ya baagi botlhe mo lefa-tsheng ba katogisitswe mo bathong ba bangwe kgotsa ba santse ba le ka fa tlase ga dikgatotsamaiso tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, mme palo eno e tswelela go gola ka lebelo ka ntlha ya lebelo leo bolwetse jono bo tlhatlogang ka lona. Tsona di tsenyeletsa le dinaga tseo palo ya baagi ba yona e leng kwa godimo go re gaisa, tse di jaaka naga ya India e e nang le baagi ba le 1.5 bilione. Bontsintsi jwa dinaga tse dingwe tsona di dirisitse dikgato tsa di-nakokiletso tse di jaaka tse ga jaana re nang le tsona le rona. Batho ba ileditswe go tsamaya sekgala se se rileng mo dinageng tse dingwe. Kwa UK le kwa teropokgolong ya naga ya Fora,  Paris, go iko-tlolola go ileditswe mo diureng tse di rileng mme le teng motho ga a tshwanela go tsamaela kgakala le legae la gagwe.Dikgato tsa go thibela le go thibelaketegelo tse di jaaka tse le rona re nang le tsona le tsona di tsentswe tirisong kwa dinageng di le dintsinyana. Go naya sekai, thekiso ya notagi mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e ileditswe kgotsa e thibetswe mo ditikologong le mo dipusoselegaeng di le dintsinyana, go tsenyeetsa le mo dikarolong tsa Mexico, Hong Kong le Greenland, mo go tserweng dikgato mo kgwe ding e e fetileng tsa go thibela go rekisa notagi e le go leka go fokotsa tshwaetsego mmogo le ‘go thibela tirisodikgoka mo basading le mo baneng.’Go nnile le dipuopuo di gana go fela mabapi le tshwetso ya puso ya go oketsa dikgatokiletso go iletsa le thekiso ya motsoko fa re tsena mo kgatong ya maemo a bone. Tshwetso ya mothale o o ntseng jaana ga gona gore e ka se fetlhe maikutlo a batho, fela ga se nnete gore Ditona kgotsa Moporesitente ba itirela boithatelo le go ipuela feela jaaka ba rata ka kgang eno.Ka la bo 23 Moranang 2020, ke ne ka itsese setšhaba gore thekiso ya motsoko e tla letlelelwa fa re tsena mo kgatog ya bone. Eno e ne e le kakanyo ya Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona  (NCCC), e e neng e le mo letlhomesotlhomong le le phasaladitsweng gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga lona.Morago ga gore re nne le dipui-sano le go sekaseka ka kelotlhoko dintlha tsotlhe, NCCC e ne ya fetola mogopolo wa yona ka ga go rekisiwa ga motsoko. Mme ka ntlha ya seno, melawanataolo e e kwalolotsweng sešwa ke Kabinete mme ya phasaladiwa ke Tona Nkosazana Dlamini-Zuma ka la bo 29 Moranang 2020 e ne ya iletsa gareng ga tse dingwe  le thekiso ya motsoko.Eno ke tshwetso e re e tsereng rotlhe mme dipuo tsa phatlalatsa tse nna mmogo le Tona re nnileng le tsona di dirilwe mo legatong la rona rotlhe, e bile ke go sekegela thomo ya ditokololo tsa setlhopha seo ke se eteletseng kwa pele.Molawanataolo mongwe le mongwe o re o tsentseng tirisong o sekasekilwe ka kelotlhoko. Re tsamaile re ntse re batlana le maikutlo a dingaka, a mekgatlho e e farologaneng mmogo le a di-intaseteri tse di farologaneng. Re ntse re fatlhosiwa le ke mekgatlho ya boditšhabatšhaba mmogo le maitemogelo a re a bonang kwa dinageng tse dingwe.Boammaruri ke gore re mo maemong a a diphatsa e le ruri. Go santse go le go gontsi go re santseng re sa go tlhaloganye ka mogare ono. Ka jalo go botlhokwa go tsaya dikgato tse di ikaegileng ka pabalasego go na le go duela tlhotllhwa e e boitshegang mo isa-gong ka ntlha ya go itlhokomolosa kotsi re e lebile. Le fa re sa dumelane ka di-tshwetso tse dingwe tse re di tsereng – mme mo mabakeng a mangwe mabaka a a newang ga se a a utlwalang – puso e dira matsapa otlhe a e ka a kgonang mo matleng a yona go tsaya ditshwe-tso tse di tla thusang go somarela ditshwanelo tsa matshelo a batho le tsa seriti sa batho botlhe.Go reetsa batho ba rona mmogo le matshwenyego a bona mo na-kong eno ke e nngwe ya dikarolo tse di itlhophileng tse di supang ka fao re leng puso re tsweletseng go samagana le leuba leno. Re tswele-tse go reetsa matshwenyego a batho ba rona mme e bile re ipaakanye-ditse go ka mekamekana le ma-tshwenyego a bona le dikgwetlho tse ba kopanang le tsona fa re ntse re leka go pholosa matshelo a batho.Mo dinakong tseno tse di bokete, re tshwanetse go tsepamisa me-gopolo ya rona mo go netefatseng gore re boloka matshelo le boiteka-nelo, re tshwanetse go netefatsa gore ga go nne le kgoreletsego epe mo tlamelong ya dijo, metsi, ditirelo tsa kalafi, pabalesego ya loago mmogo le tsa tshegetso ya loago. Mo go samaganeng le ditlamo-rago tseno tse di sa tlwaelegang, re le puso, re le batho e bile re le setšhaba ka dinako dingwe re tla dira diphoso. Re tla siamisa fao re dirileng diphoso gone. Fela re tshwanetse go gatelapele, ntle le go felelana pelo kgotsa go felelwa ke matla.Maemo a re iphitlhelang re le ka fa gare ga ona a tlhoka gore re nne le sebete le pelotelele. A tlhoka gore re nne le phisegelano e e siameng le go tshepana magareng ga rona, baagi ba naga ya rona mmogo le puso ya rona go tsenyeletsa le magareng ga rona rotlhe.