Tshegetso go dikgwebopotlana ka nako ya COVID-19

Dale Hes

KETSAETSEGO le mathata a ditšhelete a a itemogelwang ke bagwebi le bang ba dikgwebopotlana e le ka ntlha ya go anama ga mogare wa corona  lefatshe ka bophara go nolofadiwa ke setlhopha sa dikema tsa thuso tsa poraefete le tsa setšhaba.
Bang ba dikgwebo-potlana le bareki-si ba mo mebileng ba gare ga maAforika Borwa ao ba amilweng thata ke letsholo la go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng. Gore re kgone go feta mo na-kong eno e e thata, bang dikgwebo bano ba ka sola mosola ditserega-nyo tseo puso e di tlha-gisitseng go ba thusa.
Letlole la go Imolola Dikoloto tsa Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Dikgolwane

 (di-SMME)Go latela kitsiso ya letsholo la go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebo-potlana le ne ka bonako la tlamela ka letlole la go imolo-la dikoloto tsa dikgwebopo-tlana tse di amegileng ka tse-la e e sa siamang ke go anama ga COVID-19 .Go setse go na le go feta R500 milione mo letloleng leno eo e ka dirisiwang, eo di-SMME di tshwanetseng go dira kopo ya yona ka go tlha-tlhela kopo eo ka inthanete. Tseno ke dikgato tse di tlhokang go latelwa:1. Kgwebo ya gago e tshwanetse e bo e kwa-disitswe go phothale ya Aforika Borwa ya SMME. Fa e le gore kgwebo ya gago ga o ise o e kwadise, o tlhoka go etela www.sm-mesa.gov.za go e kwadisa. 2. Gang fa o feditse go e kwa-disa, o ka nna wa dira kopo ya go tlamelwa ka Letlole la go Imolola Dikoloto tsa di-SMME mabapi le COV-ID-19. Lekwalokopo le fitlhelwa mo webosaeteng ya Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana. 3. Fa e le gore kgwebo ya gago e obamela dikaelo tsotlhe (tse di jaaka fa kgwebo ya gago e duela lekgetho ebile e le mo dia-tleng tsa maAforika Borwa fela), Letlole la go Imolola Dikoloto le tla duelwa go badiradikopo bao dikopo tsa bona di atlegileng mo sebakeng sa matsatsi a tiro a le 12. Fa o le mong wa kgwebo e kgolonyana, o tla thusiwa ke Setheo sa Tlhabololo ya  Dikgwebo tse Dikgolowane  (Seda) go go thusa go dira kopo go Sekema sa go Imo lola Dikoloto. Dikopo tsa go bona thuso di tshwanetse go romelwa ka imeile mo go debtrelief@seda.org.za .
Letloletshwaraganelo la go Tsibogela Dikgwetlho tsa CoronaMoporesidente Cyril Rama-phosa gape o itsisitse go tlhomiwa ga Letloletshwa raganelo la go Tsibogela Dikgwetlho tsa Corona , leo le amogetseng R150 milione ya go le kgontsha gore le simolole go dira go tswa kwa pusong. Letlole leno le kgontsha mekgatlho le baagi go tsenya letsogo ka fa pataneng go thusa maiteko a a diriwang ke setšhaba sotlhe go tshegetsa dikgwebopotla-na le maiteko a go samagana le COVID-19 .Mo dibekeng di le pedi tsa ntlha fa letlole leno le sena go simolola, go abilweR2 bilione, eo e tla isiwang go maiteko a go rola boima jwa bolwetse jono.
Tshegetso ya mabentlele a di-spazaPuso e etse tlhoko dikgwe-tlho tse di kgethegileng tse go anama ga bolwetse jono go di tlhagisang go bao ba dirang mo lephateng le le sa kwadisiwang. Mo ntlheng eno, Tona ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana Khumbudzo Ntshavheni gape o golotse dikgato tsa tshege-tso go batho ba ba dirang mo lephateng leno. Seno se tsenyeletsa sekema sa tshegetso go thusa ma-bentlele a dispaza . “Thuso go mabentlele a dispaza  e tla tsenyeletsa mafaratlhatlha a thuso go ka nna le taolo ya go reka le go reka ka mmetela ka go dirisa barekisi ba ba tlhophilweng pejana le go atlenegisiwa,” go tlhalosa tona.Thuso eno e tla letla ma-bentlele a dispaza  go bona dithoto tseo ba ka di rekisang. Tona Ntshavheni o tlaleledi-tse ka gore sekema seno gape se tla neelana ka dikoloto go bang ba mabentlele a di-spaza , go ba letla go bona madi a ba a tlhokang go reka dithoto.“Seno se tla latelwa ke tetla ya go letlelelwa go dira sekoloto go kgontsha bang ba mabentlele a dispaza go tswelela go reka, le fa paka ya mogare wa COVID-19  e fetile.”Gape lefapha le tla ba  abela  dikgakololo go ba thusa go atlega mo tsamaisong ya mabentlele a bona. “Gape re ba thusa le ka tsa-maiso ya kgwebo gonne re a itse gore go na le mathata kwa mabentleleng a dispaza mo go tsamaiseng dikgwe-bo tsa bona go nna tse di dirang morokotso,“ ga rialo Ntshavheni.
Go thusa barekisi ba mo mebilengGape puso e samagane le go tlhagisa dikgato tse di tla nee-lanang ka thuso ya lotseno go barekisi ba mo mebileng bao ba latlhegetsweng ke lotseno e le ka ntlha ya bothata jono. Dikgwebo tsa mo mebileng le tsona di na le tshwanelo ya go tliwa thuso ke Letlole la go Imolola Dikoloto la di-SMME mme le bona fela jaaka dikgwebo tse dingwe, ba kopiwa go ikwadisa le le-fapha ka tsela e e tshwanang le ya dikgwebopotlana tse dingwe.  