Go tswa thuso baagi ba naga ya rona ba ba leng mo tlalelong

vukuzenzele unnamed

Dinaga di le dintsi mo lefatsheng di swedi tse go tsenya ti-risong dikgato tsa go seke-ga nakwana ditiro tsa ka fa nageng mabapi le mogare wa  corona  e le go ka leka go boloka matshelo a baagi ba yona. Le rona re dirile fela jalo mo nageng ya rona, ka bo madimabe dikgato tse-no tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng di utulotse matshwenyego a magolo mo setšhabeng sa rona a a bontshang ka fao lehuma, tlhokotekatekano le botlhokatiro di tsweletseng go duba le go kgaoganya setšhaba sa rona.
Ga go kutlobotlhoko e e tshwanang le ya motsadi yo e reng bana ba lela ka tlala a bo a sena sepe se a ka se ba neelang.
 Ga go setšhaba se se tlhokang tekatekano go gaisa seo e reng fa baagi ba bangwe ba tshelela mo lefureng ba na le go le gontsi, ya bo ba bangwe bona e le ba nta e e motopo ba na fela le tsa go tsitlolelana fa ba bangwe ba sena le sepe.
 Ee ke boammaruri gore dilo tseno di  tlhodilwe ke ditlamorago tsa go tlhoka tekatekano ga mo malobeng.  E bile gape ke di-tlamorago tsa go se direle baagi ba rona sentle mo pusong e e tli-leng morago ga ya tlhaolele. Go Sekega Nakwana Ditiro tsa ka fa Nageng go gagamaditse thata botlhoko jwa mmutla yo re sa bolong go o rwalelela le setlhako.
Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng, re bone ditshwantsho tse di utlwisang botlhoko thata tsa baagi ba ba leng mo tlalelong ba kgakgauthanelana dijo tse ba neng ba di neelwa kwa  mafelong ao  ba neng ba amogela dijo gone mmogo le tse di bontshang di-tshupetso tsa baagi ba ba neng ba lela ka gore dijo di ba tlhaetse.
 Mo godimo ga seno re ne gape ra tshwanelwa ke go dubana le thankga ya ditatofatso tse di ga-gamatsang le tse di re tlhabisang ditlhong. Diporofense di le di-ntsinyana di amogetse dipegelo tse di reng batho bangwe ba maitsholo a a bodileng, ba ba-ngwe ba bona ke batlhankedi-puso, ba utswa le go rekisa dijo tsa puso tseo di tshwanetseng go neelwa batho ba ba tlhokang le bao ba leng mo tlalelong, mme e bile gape ba bangwe ba di neela ditsala tsa bona le ba masika a bona. Fa go ka ﬁ  tlhelwa gore ditato-fatso tseno di na le boammaruri, re tla apara koobo e le nngwe le batlhankedipuso bano.
 Ka kgoeletso ya maemo a ma-setlapelo a naga mmogo le go tsenya tirisong naga ka bophara dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng re ne ra dubana le thankga e re iseng re tsamaye re kopane le yona. Naga ya Aforika Borwa ga e ise e tsamaye e kopane le tiro e kgolo jaana ya matshosetsi a boitekanelo jwa setšhaba.
 Re ne ra tshwanelwa ke gore re tseye dikgato ka bonako gore re kgone go boloka matshelo a batho. Mme re a dumela gore mo matsatsing le mo dibekeng tse di latelang morago ga dikgato tseno , tlamelo ya tshegetso ya baagi ba naga ya rona ba ba leng mo tlalelong e ne e goga maoto thata, mme go nnile le diphoso tse di dirilweng.
Le fa go le jalo, tuelo ya megolo ya loago yona e tsamaisitswe ka tshwanelo, mme jaanong mora-go ga go tsamaya re kopana le dikgwetlho di le dintsi, tsamaiso ya dijo e boetse sekeng.
 Go tsenya tirisong ka lepo-tlapotla dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go nnile le dikgwetlho di le di-ntsinyana. Re ne ra tshwanelwa ke go meta sekgala sa tsibogelo ya naga mo bolwetseng jono mmogo le sebaka se re tla se tlhokang mo go emiseng ditiro tsa ka fa nageng.
 Mme kwa bokhutlhong re ne ra swetsa go tsaya letlhakore la go iphemela. Jaaka setshwa-ntshiso sa ga Tona ya Boitekane-lo se bontshitse mo malobeng, gore go diragatsa dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mo nakong e re di tsereng ka yona go fokoditse thata lebelo la tshwaetsego, mme se se botlhokwa go gaisa ke gore, go re thusitse gore re kgone go ipaakanyetsa ditshwaetso tse re tla itemogelang tsone mo dibekeng le mo dikgweding tse di tlang.Re ne ra tshwanelwa ke go tsaya tsia seabe seo re tla itemo-gelang sone mo ikonoming ya rona e e setseng e kgwetlha mo pakakhutshweng le mo pakate-leleng, mmogo le seabe se segolo seo re tla itemogelang sone mo matshelong a dimilione tsa baagi ba rona.
 Re ne ra tshwanelwa ke go tsaya tsia seabe seo dibeke tsa go kganetsa ditiro ka fa nageng se tla nnang le sona mo badiring bao ba sa amogeleng merokotso ya ka gale, mo go bao ba ba-tlanang le ditiro, mo go bao ba dirang ditiro tsa nakwana, mo go bao ba dirang ditiro tse di sa kwadisiwang semmuso, mo go bahumanegi mmogo le mo go bao ba leng mo tlalelong.
 Kabinete e tla konosetsa di-kgato tse di tla samaganang le seabe seno se se bakilweng ke go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng se se amileng ma-tshelo a batho ba borona. Seno se tla latelwa ke dipuisano di le dintsinyana le bannaleseabe go akaretsa ba dikgwebo, ba me-kgatlho ya badiri, ba mekgatlho ya dikereke, ba mekgatlho ya baagi mmogo le ba Lekgotla la Moporesitente la Dikeletso tsa Merero ya Ikonomi.
Badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago ba kopantse ditlhogo mme ba tlhagisitse ditsela di le dintsinyana tse di ka thusang go rarabolola ka bonako tlalelo e bahumanegi ba rona ba tobaneng le yona, mme bontsi jwa bona ke batho ba ba iphedisang ka megolo ya loago.
 Re tla oketsa dithuso tsa loago mo pakeng eno go ka thusa ma-lapa a a gogang boima.
 Le fa re setse re fedisitse paka ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, seabe sa yona se tla tswelela go re aparela sebaka le mo nakong e e tlang. Bao ka lesego ba nang le letse-no le le sa kgaotseng ba tla kgona go boela kwa ditirong tsa bona; mme ka bomadimabe bontsi jwa batho ba bangwe kgwedi eno ke ya ditatlhegelo mo ba ka bong ba kgonne go iponela diphatlhatiro tsa nakwana, ba ithekiseditse mo mebileng kgotsa ba ipoloketse madi a ba iponetseng one go ka thusa malapa a bona.
 Go abela ka dijo ke tharabolo-lo ya nakwana. Kgato eno e tla tshwanelwa ke go bapisiwa le ditharabololo tsa leruri tse di tla thusang baagi ba naga ya rona ba ba leng mo tlalelong gore ba kgone go samagana le dinako tse di boima tse di santseng di tla.
 Ke batla go leboga  Mekgatlho  e e Seng ya Puso (di-NGO), dike reke ka go farologana mmogo le baagi ba ka fa nageng ba ba tsweletseng go tsenya letsogo ka fa pataneng le go ithaopa go thusa go apeela le go fepa baagi ba rona ba ba leng mo tlaleng le bao ba leng mo tlalelong.
 Go fedisa tlala ga se kgato ya kutlwelobotlhoko. Ke selo se se botlhokwa thata mo setšhabeng se sengwe le se sengwe se se reng se tlotla ditshwanelo tsa batho.
Ka leuba leno, re mo maemong a a diphatsa mo go tsaya dilo botlhofo go tla re bontshang matsapa a a seng kana ka sepe. Ke ikuela mo go batho botlhe go ntsha matlho dinameng, go tswelela go obamela melawana-taolo, mmogo le go itlhokomela le go tlhokomela ba bangwe gore rotlhe re nne mo polokegong.
Jaaka mmuso re tla neelana ka tshedimosetso e e tlhalosang ditharabololo tse re tla di tsayang go inola baagi ba rona ba ba leng mo tlalelong mo tlaleng e ba leng mo go yona.
Gare ga matsapa otlhe a batho ba borona ba tobaneng le ona mo nakong eno, go tshwenyega gore go tla lala go jelwe eng ke sengwe seo se sa tshwanelang go nna karolo ya dilo tse di ba tshwenyang ga jaana.
