Fa re tshwaragane re ka lwantshana le Covid-19

vukuzenzele unnamed

Jaaka re simolola beke ya ntlha ka botlalo ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go lwantshana le leuba la mogare wa corona le le tsitsibantseng lefatshe lotlhe, re itumelela dikgang tse di kolobetsang pelo tse di re tlisetsang boitumelo le go nna le tsholofelo mo dinakong tseno tse di boima tse re sa itseng gore a re ya pele kgotsa morago.
MaAforika Borwa a le 114 a a ntshitsweng ka lepotlapotla kwa Wuhan kwa nageng ya China mo dibekeng di le pedi tse di fetileng, paka ya bona ya go lekolwa fa ba tshwaeditswe e konosetse mme ga jaanong ba siametse go ka lokololwa go leba kwa magaeng a bobona. Ga go ope mo go bona botlhe yo a fitlhetsweng a na le mogare ono mme e bile ba itekanetse mo mebeleng le maikutlo a bona a lokologile.E setse e le dikgwedi ba ntse ba sekegilwe nakwana, kwa tshimologong e ne e le kwa Wuhan mo ba neng ba sekegilwe sebaka sa matsatsi a le 51 mme ya nna gape kwa Polokwane mo ba ntseng matsatsi a le 14. Ba ne ba kganeditswe go ka kopana le ba malapa a bona, go ka tswa mo mafelong a bodulo jwa bona e bile ba sa itse gore leru le le ba aparetseng le tla apoga neng. Fa re kopanya matsatsi ano otlhe le a le 17 a a setseng a naga ya rona e tla tswelelang go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, ba tla bo ba ntse matsatsi a le 82 ba sekegilwe.Go itumedisitse go tlhola le maAforika Borwa ano a a farologaneng, a a nang le dingwaga tse di farologaneng, a a buang dipuo tse di farologaneng e bile ba na le maitemogelo a a farologaneng.  Ke gagamaditswe ke maikemisetso a bona le botswakgale jwa bona jaaka ba ne ba batla go iki-tse maemo a bona a boitekanelo. Ba tswa ko mogobeng wa leuba leno la mogare wa corona  kwa Wuhan kwa nageng ya China mme ba iponetse ka a bona matlho gore mogare ono o duba jang matshelo a batho. Ga go gagamatse go ba utlwa fa ba re maitlhomo a bona ke go boloka matshelo a ba malapa a bona. Jaanong go nna le pelotelele ga bona le boitshoko jwa bona bo ba tswetse molemo go nne jaanong ba lokolotswe go ka boela kwa malapeng a bobona.Go boeleng gae ga bona ka fa nageng go dirilwe ke batho ba le bantsi ba ba dirileng go tlala seatla go netefatsa gore letsholo la go ba lata ko ba neng ba le gona le a atlega.Jaaka re le naga re lebogile go menagane mmuso wa baagi ba naga ya China go bo ba re tlhokomeletse baagi ba naga ya rona, mmogo le go bo ba tsere karolo mo letsholong la gore re kgone go lata batho ba rona. Go botlhokwa tota gore baagi ba naga ya rona ba le mmalwa ba ba neng ba le kwa Wuhan ba bo ba ne ba le koo ka dikolašipi tsa puso ya China go ithuta kwa nageng eo; e leng tota tiro e e bontshang botswapelo e le ruri mme re leboga go menagane.Re leboga go menagane gape le batho ba ba neng e le karolo ya letsholo leno, go tsenyeletsa setlhopha sa difofane sa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA) go tsenyeletsa setlhopha sa badiredi ba boitekanelo mmo go le mapodisi le masole a a ba latileng. Bojotlhe jwa bona bo nnile le seabe mo go netefatseng gore batho ba bangwe ba bona pabalelo le itekanelo. Ba bo-ntshitse gore ba ipaakanyeditse go samagana le letsholo le le boima e bile le boitshega mmogo le go letlelela go sekegwa nakwana go lekola fa ba sa tshwaetsega. Mme jaanong, batho bano botlhe ba ntheile ba re ba letile go tswa go nna go utlwa gore letsholo le lengwe gape la borongwa ke lefe.Ke rata go leboga go tswa kwa boteng jwa pelo ya me badiredi le batsamaisi ba Ranch Hotel kwa Polokwane, ba ba neng ba tlhokometse ka botswapelo batho botlhe ba ba latilweng. Ba ne ba eme sejaro mo go nneng le seabe mo maitekong a ka fa nageng a go samagana le bo-lwetse jono. Motho mongwe le mongwe yo a nnileng le seabe mo letsholong leno o dirile naga ya Aforika Borwa gore e nne motlotlo ka ene.Maitemogelo a maAforika Bo-rwa a a kwa Wuhan a bontshitse mosola le botlhokwa jwa gore naga ya rona e sekegele nakwana ditiro tsa yona. Ke ka ntlha ya dikgato tse di gagametseng tseo puso ya China e di tsereng go samagana le bolwetse jono kwa teropokgolong ya Wuhan, tse di thusitseng gore baagi ba naga ya rona ba boele gae ba sena tshwaetsego ya bolwetse jono e bile ba itekanetse.Teropokgolong ya Wuhan, e e nang le baagi ba le dimilione di le 11 kwa porofenseng ya Hubei, e ne e na le batho ba ba tshwaeditsweng ba feta ba le 50 000. Jaanong, go latela di-kgwedi di le pedi tsa letsholo le le gagametseng la go sekegela nakwana ditiro mo porofenseng eo, ga jaanong go na le dikgetse di le mmalwanyana fela tse di sa feteng di le 20 tse di begilweng mo dibekeng di le pedi tse di fetileng.Go samagana le bolwetse jono kwa Teropokgolong ya Wuhan, kwa Porofenseng ya Hubei mmogo le kwa mafelong a mangwe kwa nageng ya China go ne go tlhoka dikgato tse dikgolo tse di gagametseng. Go ne ga nna le dikgato tse di gagametseng go kgaotsa ka fao batho ba tlwaetseng go tshela ka teng mme seno se ne sa ama bobe maemo a ikonomi ya China. Dinaga tse dingwe tse di tsereng dikgato tsa mothale ono di a atlega mo go kgaotseng go anama ga bolwetse jono go gaisa dinaga tse di diegileng go tsibogela dikgato tsa mothale ono.Jaaka palo e e setseng e netefaditswe ya dikgetse tsa batho ba ba tshwaeditsweng ke COVID-19  lefatshe ka bophara e godile go feta ba le 700 000 mmogo le palo ya batho ba ba setseng ba tlho-k afetse ka bolwetse jono e feta ba le 33 000, re ka ithuta go le gontsi go tswa mo dinageng tseno. Jaanong go totobetse gore molemo yo motona go gaisa gore setšhaba se samagane le go anama ga bolwetse jono ke gore baagi ba rona ba nne kwa malapeng a bona mme ba se kopane sebaka sa bobotlana jwa dibeke di le mmalwa. Go botlhokwa gape gore paka eno ya go sekega nakwana ditiro tsa naga mmogo le dikgatso tse dingwe tse di mabapi le maemo a tshoganyetso di obamelwe ka bojotlhe mmogo le go disiwa gore di a diragadiwa.MaAforika Borwa a a neng a le kwa Wuhan ba ka paka tota gore dikgato tsa kganetso tsa mothale oo mo matshelong a batho, tse di kganetsang go ebela mo mebileng le go kgomana jaaka e le setlwaedi di bokete tota go itshokela tsona. Mo nageng ya Aforika Borwa tota, go sekega nakwana go tlisa matsapa a mangwe a a seng kana ka sepe, mme re leka ka bojotlhe jo re ka kgonang go fokotsa boima jo tshekego eno e nang le jone mo matshelong a batho ba borona.Maitemogelo ao maAforika Borwa a a neng a le kwa Wuhan ba nang le ona ke gore go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go lwantshana le leuba la moga re wa corona  go mosola. Seno se bontsha gore fa re ka obamela ka botlalo melao e e beilweng go fokotsa go anama ga mogare ono, re ka kgona go fokotsa palo ya ditshwaetsego. E bontsha gore fa re ka dirisana mmogo le badiredi ba boitekanelo mme ra dira seo se solofetsweng mo go rona, re tla boloka matshelo e seng fela a rona mme le a bao re tshelang le bona.Kgang eno ya maAforika Bo-rwa a a latilweng kwa Wuhan e tshwanetse go re rotletsa le go re naya tsholofelo mo dibekeng tse di boima tse di santseng di tla.Kgang ya bona e re raya e re kwa bokhutlhong jwa lefifi re letetswe ke lesedi, e re fa re ka itshoka, ra itisa le go obamela dithulaganyo tsa go sekega nakwana ditiro tsa naga mmogo le go dirisana mmogo, re tla tšhwamoga mo dinaleng tsa phage.  