 Fa re tshwaragane re ka lwantshana le leuba la COVID-19

vukuzenzele unnamed

Lefatshe le dubana le thankga e e seng kana ka sepe ka matsapa a tshoganyetso mo boitekanelong jwa setšhaba mo palo e e amegang e leng kwa godimo mo e iseng e bonwe mo sebakeng sa dingwagakete.
 Go anama ga mogare wa corona, e leng ona yo o bakang bolwetse jo bo bidiwang COVID-19 , go nnile ka bonako le go anama ka bophara, mme ga jaanong bo bidiwa gore ke leuba le le aparetseng lefatshe. Ga bo kgetholole ka dinaga kgotsa melelwane, bo fetela botlhe bana le bagolo mme e bile bo tsweletse go anama mo dinageng tse di gatetseng pele le tseo di santseng di iketetsa. Jaaka go lekola le go dira diteko ka bolwetse jono go tsweletse go atolosiwa, palo ya bao ba tshwaeditsweng ka fa nageng ya Aforika Borwa go solofetswe gore e tla tswelela go oketsega. Sešweng jaana ke sa tswa go tsibosa bolwetse jono jaaka seemo sa masetlapelo a naga, e leng kgato e e lekaneng matshosetsi a batho ba rona ba tobaneng le ona, mo setšhabeng sa rona le mo ikonoming ya rona.  Seno se tla re kgontsha go nna le thulaganyo ya taolo ya masetlapelo e e golaganeng le e e tsamaisiwang ka tshwanelo mmogo le go tlhoma tsamaiso ya tsibogelo ka potlako e e nang le mosola ya dikgetse tsa tshoganyetso. Mogare ono o santse o tla tlhola mathata a a seng kana ka sepe, se se kwa setlhoeng mo go rona ke go boloka boitekanelo jwa maAforika Borwa otlhe. Re tshwanetse gape go samagana le phutlhamo ya ikonomi e re ka se kgoneng go e efoga. Re tshwanetse go itse gore go tla nna le kwelotlase mo ditlhagisiweng tse di romelwang kwa dinageng tsa kwa ntle, phokotsego mo bojanaleng mo batho ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle mmogo le seabe se se seng kana ka sepe mo tlhagisong ya dilo, mo tsamaisong ya dikgwebo le mo go tlhodiweng ga ditiro le mo go fokodiweng ga batho kwa ditirong. Kabinete e samagane le go konosetsa maano a go tsereganya go samagana le seabe seo COVID-19 e tla nnang le sona mo ikonoming ya naga ya rona. Maano ano a logiwa ka go buisana le badikgwebo, mekgatlho ya badiri mmogo le ditheo tse dingwe tse di maleba. Louis Pasteur o ne a bua mafoko a gore letlhogonolo le tswela molemo bao megopolo ya bona e ipaakanyeditseng lona. Aforika Borwa e setse e ipaakantse, e bile ga e a bolo go ipaakanya. Fa e sale bolwetse jono bo rupoga le go begiwa lwantlha re ne ka gang ra tsaya dikgato ka go tsenya tirisong dikgato tsa tekolo. Tsibogelo ya naga ya rona mo bolwetseng jono e tsweletse go gogwa kwa pele ke Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e monnasetulo wa yona le moeteledipele wa yona e leng Tona ya Boitekanelo, Ngaka Zweli Mkhize. Tsela eo IMC ya rona mmogo le ditlhophatshegetso tsa yona  di e tsereng mo go tsibogeleng kgang eno ya tshoganyetso e nnile sekai le go re tiisa mmooko, bogolosegolo mo go thibeleng gore go nne le letshogo le le seng kana ka sepe mo nageng. Ke tla tsaya maemo a modulasetilo wa Lekgotlataolo la Naga go tsamaisa dithulaganyo tsotlhe tse di amanang le tsibogelo ya naga mo mererong eno. Aforika Borwa e na le di kgetse tse dintsi tsa katlego mo go samaganeng le malwetse a tshoganyetso a a amang boitekanelo jwa baagi.Re na le kitso, bokgoni le boitseanape. Borrasaense ba rona mmogo le babatlisisi ba malwetse ba naga ya rona ke ba ba leng mo maemong a a kwa godimo mo lefatsheng. Re tsentse tirisong metseletsele ya dikgato tsa tshoganyetso, mme re tla tsenya tirisong matlole a a tla thusang go tshegetsa dikgato tseno. Tsona di akaretsa dikgato tsa go kgaoletsa baeti ba ba tswang kwa dinageng tse di amegileng bogolo go tla ka fa nageng; go dira diteko mo bathong botlhe go sa kgathalesege gore ke bo mang, go ikgoga mo bathong kgotsa go ikalafa tebang le baagi ba naga ya Aforika Borwa ba ba tswang kwa dinageng tse di amegileng bogolo; mmogo le go gagamatsa matsholo a go disa maemo, a go dira ditekolo le a go dira diteko mo mafelong a go tsena ka fa nageng ya  Rephaboliki. Go botlhokwa gore re se kgobokane mo lefelong le le lengwe  go thusa go fokotsa go anama ga COVID-19. Go kgobokana ga batho ba ba fetang ba le 100 go kganetswe mme e bile gape meletlo e e ketekang matsatsi a a botlhokwa ka fa nageng e emisitswe. Go etela batshwarwa le gona go emisitswe sebaka sa matsatsi a le 30 go simolola gona mo motsotsong yono. Maeto a a seng botlhokwa a badiredipuso go etela dinaga tsa kwa ntle a emisitswe mme le maeto a a seng botlhokwa a ka fa nageng le ona ga a rotloediwe gore le ona a tsewe. Mafelo a go tsena ka fa nageng a le 35 a dinaga tse di katogileng mawatle mmogo le mafelo a le mabedi a go tsena ka fa nageng a a kwa mawatle a tla tswalelwa, mmogo le dikolo go tloga ka la bo 18 Mopitlwe go fitlha ka matsatsi a khunologo ya Tsogo ya Morena. Mo nakong e e sa fediseng pelo re tla tsibosa dikgato tse re di tsereng tebang le diyunibesiti le dikholeje. Mo kgweding e e tlang re tla bo re keteka Tsogo ya Morena, e leng paka e e botlhokwa thata mo badumeding ba le bantsi e bile gape ke nako eo dikereke ka mefuta di nnang le meletlo e megolo ya go kopana. Dikereke e tla nna tsona tse di itseelang tshwetso ka botsona ka phuthego ya tsona mabapi le merero ya boitekanelo e e tla amang bona le baagi naga ka bophara. Phepafatso e tshwanetse go nna kwa setlhoeng thata mo makaleng otlhe. Moagi mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya tshwetso ka pabalesego ya bona ka go obamela dikgato di tshwana le go tlhapa diatla gangwe le gape ka metsi a sesepa kgotsa go  itshasa diatla ka sebolayamegare kgotsa go  thiba nko kgotsa molomo ka thišu kgotsa ka sejabana fa ba ethimola kgotsa fa ba gotlhola. Jaaka karolo ya matsapa a rona ka fa nageng Lefapha la Boitekanelo le tla tswelela ka letsholo la lona le legolo le le tsweletseng la go bula baagi matlho ka thibelaketegelo, go anama le go tshwaetswa ke matshwao. Ke rotloetsa maAforika Borwa otlhe go ikamanya le metswedi e e matshwanedi ya thibelaketegelo. Dikgato tseno di tshwana le tse dingwe tse di tsewang kwa dinageng tse dingwe, mme rotlhe re tshwanetse go tlhaloganya gore ga di dirisediwe go otlhaya motho ope mme ke dikgato fela tsa go babalela setšhaba sa rona. Kotsi e kgolo go gaisa fa maemo a le jaana ke go tlhoka kitso le go nna le tshedimosetso e e fosagetseng. Re tshwanetse go kgaotsa go phasalatsa maaka le dikgang tse boammaruri jwa tsona bo sa totobadiwang, bogolosegolo mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano. Seno se ka fetlha mai kutlo a a sa iketlang a re setseng re le mo go ona mmogo le go dubakaka maiteko a naga a go ritibatsa maemo.Re tshwanetse gape go se ikamanye le dipuo tse di bosula tse re di boneng mo dinageng tse dingwe tse di lebisitsweng kwa batswantle ba dinaga tseo bolwetse jono bo runtseng kwa go tsona kgotsa kwa dinageng tse ga jaana bolwetse jono bo lautsang batho gone kwa  bogareng jwa Yuropa. Go totobetse gore selo seno ke mogare yo o aparelang batho ba merafe yotlhe. Tla re nneng le kutlwelobotlhoko mo go batho bao ba aparetsweng ke leru leno, mmogo le bao ba sa tswang go goroga fa gae go tswa kwa dinageng tseo di aparetsweng bogolo ke bolwetse jono. Tla re thusaneng le bao ba tlhokang thuso le bao ba leng mo tlalelong thata, go na le go ba naya mokwatla. Re tla tswelela go somarela metheo ya go itshokelana le go tlotlana e leng yona e e re dirang gore re nne batho bathong. Mo legatong la baagi botlhe ba Aforika Borwa ke leboga setlhopha seo se latileng baagi ba naga ya rona kwa Wuhan, China, mmogo le baeteledipele le batho ba ba kwa porofenseng ya kwa  Limpopo ba ba samaganeng le dithulaganyo tsa tlhatlhobo ya bolwetse jono. Tseno ke dinako tse di bokete tota. Fela ke fa matsapa a re farafere jaana moo re ntshang ga tshwene. Re tla tsaya ditshwetso tse di sa etsaetsegeng, ka maikemisetso le ka mafolofolo. Re tla tsaya ditshwetso tse re di utlwanetseng, go nne ke dikgato tsa moAforika Borwa mongwe le mongwe tse di tla thusang gore re atlege mo  matsapeng a re a tsayang. Jaanong re aparetswe ke motsi wa Thuma Mina, mme jaanong o re tlhoka go feta mo malobeng. Leru leno le le re aparetseng ga jaana le lona le tla feta. Re tla supoga mo dinaleng tsa phage. Re maAforika Borwa rona.

