Vulekamali  e maatlafatsa maAforika Borwa  

More Matshediso

Ka go tobetsa fela konopo, batho ba kgona go tlhaloganya bonolo ditekanyetsoka bo tsa naga, seno ke ka ntlha ya tsamaiso ya inthanete e e bidiwang Vulekamali .
Phothale eno e ne ya tlhomi wa dingwaga di le pedi tse di fetileng ke Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba ka tirisanommo go le mekgatlho ya baagi e le mentsinyana.
Porojeke eno ya boitshimoledi e fentse sekgele ka nako ya Dikgele tsa 2019 tsa bo 17 tsa Boitshimoledi tsa Lephata la Setšhaba, ka fa tlase ga setlhopha sa Pokeletso ya Boitshi mololedi mo Ditharabololong tsa Merero ya Phetogo ya Inta seteri e e ka ga Thekenoloji ya Sešweng (4IR).
Mokaedi wa Matlotlo a Bo setšhaba Andile Best, yoo a eteletseng kwa pele phothale ya boitshimoledi ya Vulekamali , o rile maikaelelomagolo ke go oketsa kgatlhegelo ya setšhaba, botsaakarolo le kitso ya mana -neo a puso a ditšhelete.
“Seno ke maitlamo a Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba go nna mo mpaananeng ka ga matlole a naga. Tshedimosetso ka ga tekanyetsokabo e setse e phasaladitswe mo webosae teng ya Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba, fela diphothale di na le tshedimosetso e e fitlhele lwang ka mokgwa o o bonolo, go kgontsha karolelano ya tshedimosetso, tshekatsheko le patlisiso ka tsela e e nono fileng,” o tlhalositse jalo.
Go ya ka Best, Vulekamali  e tshegetsa go nna le seabe ga baagi le setšhaba mo ditsa maisong tsa tekanyetsokabo le go kgontsha baagi go tshwara dipuisano tse di nang le mooko ka ga dipholisi tsa puso.
“Fa re kopa setšhaba go tsaya karolo mo ditsamaisong tsa tekanyetsokabo mme ba tla ba sena kitso, ba ka se tle ka dikakanyo tse di nang le boleng. Sabobedi, re batla setšhaba se nne le kitso ya gore puso e dirisa madi a a tswang mo sekgwameng sa setšhaba jang,” Ga rialo Best. Sekao, mekgatlho ya baagi go le gantsi e batla go itse gore puso e neelana ka ditirelo jang, ditirelo tseno di golagane jang le tekanyetso le gore a ke puso ya bosetšhaba, ya porofense kgotsa ya selegae e e rweleng maikarabelo a ditirelo tse di rileng.
Best o rile mo gare ga baamegi ba ba nang le seabe mo porojekeng eno go na le Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME); mokgatlho wa baagi wa Imali Yethu ; Mokgatlho wa Lefatshe wa tsa Boitshimololedi le Setheo sa Puso sa Dikgakololo Mabapi le Merero ya Setegeniki.
Kwa maemong a mangwe le a mangwe a go dira tshwetso le a puso, go na le kemedi ya puso le ya baagi, a rialo.
Fa a bua mo boemong jwa mekgatlho ya baagi e e nang le seabe, Zukisa Kota, tlhogo ya Lenaneo la Tekolo le Tshegetso kwa Tekolong ya Maikarabelo a Tirelo tsa Setšhaba yo gape e leng mogokanyi yo o eteletseng pele Imali Yethu , o rile ditsamaiso tsa mai karabelo a tekanyetsokabo di botlhokwa go gaisa mo pusong ya temokerasi. Maikaeleloma golo a tsona ke go susumetsa thebolo ya ditirelo e e botoka, a rialo.
“Go rona, go fitlhelela tshedimosetso ka bonako go kaya gore ga o nne ka gale o tena baagi le go sa itse sepe ka ga ditsamaiso tsa tekanyetsoka bo,” a rialo, a tlaleletsa ka gore batho ba tlhaloganya botlhokwa jwa go tshwaela ka ga tekanyetsokabo ka bonako mme ba itse gore ba ka bua le mang ka ga mathata a bona .