Go naya molwetse tshegetso go botlhokwa thata mo go lwantsheng bolwetse jwa TB

Dale Hes

Porojeke ya Aforika Borwa e e ka ga Bolwetse jwa Lehuba (TB) e e dirang mo go yona mmogo le Setheo sa Amerika sa Tlhabololo ya Dinaga tsa Boditšhabatšhaba (USAID) ke sekao se se siameng se se bontshang gore puso, baagi le Mekgatlho e e Seng ya Puso (di-NGO) ba ka dira mmogo go lwantsha TB ka go tshegetsa balwetse ka tsela e e siameng.
Aforika Borwa e tsere maemo a ketapele mo lefatsheng a go lwantshana le TB, mme ba US AID ba tsentse seatla go neelana ka thuso.
Porojeke ya dingwaga di le tlhano eno, eo e simolotseng ka 2016, e ntse e dirwa ka bolekane le Lefapha la Bosetšhaba la Boitekanelo mo diporofenseng di le robedi tsa Aforika Borwa.
E nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa go gaisa tsa porojeke eno ke go tshegetsa matsholo a di-NGO tse di leng mo metseng. Porojeke e neelana ka matlole go di-NGO di le 21 tseo di tshe geditseng balwetse ba feta ba le3 500, mme bontsi jwa tsone ke tseo di leng kwa dikgaolong tsa metseselegae.
Mosamaria kwa  Porofenseng ya  ForeisetataMokgatlho wa Mosamari o o fitlhelwang kwa Mangaung, ke o mongwe wa di-NGO tse di amogetseng matlole go tswa mo porojekeng eno. Mokgatlho ono o na le setlhopha sa badiredi ba tsa boitekanelo, motsamaisi wa porojeke le motsayatshedi -mosetso bao botlhe ba dirang go netefatsa gore balwetsi ba nwa melemo ya bona gore ba tle ba fole mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro.
“Re thapile batlhokomedi ba le 74 mo porojekeng eno. Fa re simolola re ne re dira le balwetse ba le 200, morago ya nna balwetse ba le 400, mme konterakeng ya rona ya ga jaana re na le balwetse ba le 500 bao re dirang le bona letsatsi le letsatsi. Balwetse ba romelwa mo go rona fa ba sena go bonwa gore ba tshwaeditswe ke mogare wa TB go tswa kwa dikliniking di le ro bongwe tse di farologaneng mo Toropokgolo ya Mangaung,” go bua jalo motsamaisi wa Mosa maria Trudie Harrison.
Kgwedi le kgwedi Mosamaria e tsamaya ntlo le ntlwana go dira ditlhatlhobo tsa go bona balwetse ba TB ba ba ntšhwa le go ba naya kalafi ka gangwe.
Harrison a re tiro ya Mosa maria e fokoditse kgethololo le mamudu e e ntseng e le teng ka ga TB, e gagamaditse dikamano magareng ga baagi mmogo le go tlhatlosa dipalopalo tsa katlego tse di ka ga pholo ya kalafo.
“Sekao, ka ngwaga wa 2018, balwetse ba rona ba le 514 ba bone pholo go tswa mo kalafong eno,” go rialo Harrison.
Harrison o arolelana kgang ya yo mongwe wa balwetse ba Mosamaria. O ne a bona tshe getso letsatsi le letsatsi go tswa go motlhokomeding wa Mosa maria, yo a neng a netefatsa gore o nwa dipilisi tsa gagwe letsatsi le letsatsi mme mo godimo ga foo re netefaditse gape gore re mo rekela bupi le diaparo tse dintšhwa.
“O ne a kgona go konosetsa kalafi mme ga jaanong o fodile.
O ne a boela tirong ya gagwe ka mothapi wa gagwe a ne a mo e beetse,” ga rialo Harrison.
Itse matshwao a TB  Fa o na le mangwe a matshwao a a latelang, o tshwanetse go etela kliniki e e gaufi le wena kgotsa bookelo go tlhatlhobelwa bolwetse jwa TB:
• Go gotlhola lobaka lwa dibeke di le tharo kgotsa go feta; 
• Go ntsha segotlhola se se nang le madi fa o gotlhola; 
• Ditlhabi mo sehubeng, kgotsa setlhabi fa o hema kgotsa o gotlhola; 
• Go fokotsega mmele e se ka maikaelelo; 
• Letsapa le le feteletseng; 
• Letshoroma . 

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga Porojeke ya Aforika Borwa le USAID ka ga TB, letsetsa:  012 484 9300.



