Tla re direng mmogo go  fetola seemo sa rona  sa ga jaana sa matlole 

Vukuzenzele unnamed

Tekanyetsokabo jaa ka e tlhagisitswe ke Tona ya Matlole Tito Mboweni e tlhagisa tsheka tsheko e e fodileng tlhogo e e ka ga maemo a ikonomi ya rona.
 Dipalopalo tse di rebotsweng di baya mo phatlalatseng gore fa re sa dire sengwe gona jaanong go fetola maemo a re leng mo go ona, go tla nna boima le go feta mo tsamaong ya nako.
 Fa re bua puo phaa, re dirisa madi a le mantsi go feta a re nang le ona.
 Ka ntlha ya seno, re iphitlhela gangwe le gape re adima madi, mme dinamane tsa madi a re a adimang di tswelela go susu moga. Nnete tota ke gore madi a dinamane a re a duelelang ke a mantsi tota mme re iphitlhela re duelela dinamane fela go na le go fokotsa dikoloto. Re iphitlhela re isa madi a a boi tshegang kwa dikolotong go feta a re a isang  kwa mererong ya tsa boitekanelo; ke fela merero ya thuto le ya loago e e bonang madi a mantsinyana.
 Seemo seno se kotsi thata ebile se ka se re ise gope.
 Re gapeletsega gore re tsaye dikgato mme re gapeletsega go di tsaya gone jaanong.
 Go na le mabaka a le mantsi nyana a a dirileng gore re iphi tlhele re le mo re leng ga jaana.  Ikonomi ya rona ga e ise e gole go le kalo mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, mme seno se tlhodilwe bogolosegolo ke matsapa a matlole mo lefatsheng a go itemogetsweng ona ka  ngwaga wa 2008 mmogo le kwelotlase ya go rekiwa ga dime nerale tsa rona tse re di rekisang kwa dinageng tsa kwa ntle. Ka ntlha ya mabaka ano, pokeletso ya lekgetho la naga ya rona e nnile e e bokoa mme re ne ra iphitlhela re gapeletsega go adima madi a mangwe gape go tshegetsa tiriso ya madi mo mererong ya tlhabololo, ya mafaratlhatlha a setšhaba le mo go dueleleng megolo. Dithulaganyo tsa go goga puso ka nko mmogo le tsa bonweenwee le tsona di ne tsa ama tsamaiso ya puso ka tsela e e maswe, tsa kgoreletsa tiragatso e e lolameng, mmogo le ya taolo e e lolameng ya matlole mo di theong di le mmalwa tsa puso, go akaretsa le tsa Dikgwebokgolo tsa Puso (di-SOE).
 Matsapa a go leka go tsosolosa ikonomi ya rona mo pakeng ya dingwaga di le pedi tse di fetileng mmogo le a go tsolosola ditheo tsa rona jaanong a ntse a kgoreledi wa ke matsapa a kgaolo ya mo tlakase, a gape a kgoreletsang kgolo ya ikonomi mme seno se tlhola gape morwalo o mongwe gape o o bokete tota mo tirisong ya matlole a puso.
 Go ya ka tekanyetsokabo ya ga jaana se se botlhokwa thata mo go rona ke go busetsa sekeng maemo a ikonomi gore e tswelele go gola, go fokotsa tiriso ya matlole mo ditheong tsa puso le go ritibatsa dikoloto tsa rona.
 Tekanyetsokabo eno ke karolo e e botlhokwa thata mo letsholong la rona la kgolo e e akaretsang botlhe, go tlhola ditiro, go dira dipeeletso le go busa puso e e nang le bokgoni.
 Re dirile ditshwetso tsa go se kgaole matlole a puso. Tshwetso ya go a kgaola e ne e tla nna le ditlamorago tse dikgolo tota mo ditirelong tsa loago tse batho ba ba humanegileng ba ikaegileng ka tsona thata. E ne gape e ka tshela peterole mo molelong ka e ne e tla dira gore go fokodiwe megolo ya badiredipuso, e ne e tla dira gore go ngotliwe ditirelo tsa puso ka go fokotsa ditheo le makala a mangwe a puso, e ne e tla dira gore go ngotliwe seatla mo dituelelong tsa madi a go leboga badiredipuso bao ba dirileng ka boineelo mmogo le go fokotsa madi a go rola tiro a badiredipuso, go akaretsa le go okediwa gape le tuelelo ya lekgetho mmogo le go rekisa dithoto tse di botlhokwa tsa puso. Tekanyetsokabo e e ka ga go kgaolwa ga madi e ne e tla rutlomolola dikgato tsotlhe tsa kgolo ya ikonomi le go koafatsa bokgoni jwa puso jwa go tlho tlhetsa dikgato tse di ikaegileng ka ikonomi le go fitlhelela ditlhokwa tsa batho.
 Mo boemong jwa tshwetso ya mothale oo, re tlhagisitse teka nyetsokabo e e tsayang tsia dikga to di le dintsi tse di farologaneng tse di sekasekilweng tota go ka fokotsa tiriso ya madi, tsa oketsa letseno le go tlhotlhetsa kgolo mo ikonoming.
 Mo dingwageng di le tharo tse di tlang, re solofela go boloka madi a le kanaka R261 bilione ka go kgaola ditekanyetsokabo tsa a mangwe a mafapha a le mantsinyana le go fokotsa le belo leo dituelelo tsa megolo ya badiredipuso le golang ka lona.
Le fa go le jalo, re tla tlhoka go dirisa madi a le mantsi gore re kgone go atlega mo go tshege tseng theosešwa ya di-SOE tse di jaaka Eskom le Setlamo sa Difo fane tsa Aforika Borwa (SAA).
Ka ntlha ya seno, re solofela go nna le phokotso ya go se duelele dinamane ya bokanaka  R156 bilione mo pakagareng ya monongwaga.
 Seno se tla re thusa go fokotsa dikoloto le go fokotsa dikadimo tsa madi.
 Karolo e kgolo ya dipoloko tsa rona e tla tlhaga mo go fokotseng lebelo leo dituelelo tsa megolo le golang ka lona.
Seno se tla tlhoka gore re nne fatshe re tšhotlhe kgang eno re le mmogo le bannaleseabe botlhe, bogolosegolo ba mekgatlho ya badiri. Dipuisano tsa mothale ono di tlhoka go tshwariwa ka maitlhomo a go batla ditha rabololo. Ke itumedisitswe ke phisegelo ya maphata otlhe ya go dumela go nna karolo ya dipui sano tse di botlhokwa thata tseo maitlhomo a tsona e leng go bona ditharabololo.
 Maitlhomo a rona ga se go kgaolo palo ya badiredipuso, ke go tlhatlhoba lebelo leo megolo ya bona e golang ka lona. Megolo ya badiredipuso e tlhatlogile ka lebelo le le kwa godimo tota go gaisa la infleišene mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng, ka jalo, re tlhoka go baakanya kgang eno fa e le gore re batla go busetsa mo taolong tsamaiso ya matlole a puso. Seno se akaretsa le taolo ya matlole a batho ka bobona, moo dituelelo tsa sengwe se ba se reka ng di golang ka lebelo le le fetang la infleišene – e ka tswa e le tsa motlakase, tsa mogala wa seatla tse di jaaka tsa go reka metsotso le data kgotsa tsa dijo – ka ntlha ya gore ka gale di tla imetsa dipatana tsa bona le go dira gore ba tlhoke tsetsepelo mo mading a bona.
 Megolo ya badiredipuso ke yona karolo e e kwa godimo e go sengwang madi mo go yona fa re baya dilo ka lenaneo la merero ya ikonomi. Kgolo ya megolo ya badiredipuso e setse e feta ti riso ya matlole mo diporojekeng tse digolo go lebilwe kgolo mo isagong le didirisiwa tse di bo tlhokwa mo kabong ya ditirelo.
 Megolo ya badiredipuso ka jalo e tla nna yona karolo e le nngwe fela e re tla fokotsang tirisomadi mo go yona. Ke tsere tshwetso ya gore re ka se oketse megolo ya batlhankedi ba bago lwane ba puso monongwaga.
Seno se tla morago ga gore re fokotse dikungwelo tse dingwe tse ba neng ba na le tsona fa re kwalola sešwa bukana ya diti relo tsa batlhankedi ba bago lwane ba puso ya Ministerial Hand book. Monongwaga re tla phasala tsa molao o mošwa o o tla tsenyang tirisong letlhomeso la megolo mo ditheong tsa puso le mo ditlamo ng tsa Puso (di-SOC) go thibela dituelelo tse di boitshegang tse di duelelwang ditokololo tsa diboto mmogo le bakhuduthamaga ba tsona.
 Bakaulengwe ba rona ba me kgatlho ya badiri ba bua nnete fa ba re re tshwanetse go tsaya dikgato go bontsha gore re ema kgatlhanong le tirisobotlhaswa ya madi a puso ka go samagana le bonweenwee, go kgutlisa tiri somatlole e e botlhaswa, e e seng mosola e bile e se mo molaong.
Re tla diragatsa seno le go dira go tlala seatla.
 Le fa go busetsa mo taolong megolo ya badiredipuso e le sengwe se se botlhokwa thata go ka tsepamisa matlole a puso, go baakanya ka fao maphata a puso a diragatsang tiro ya ona ka teng ke sona sa botlhokwa go gaisa fa re batla go aga puso e e nang le bokgoni le e e dirang tiro ya yona sentle. Re tlhoka go tsenya batho ba ba maleba mo dipha tlhatirong tse di tshwanetseng.
 Jaaka re simolola go boloka tiriso ya matlole mo ditheong tsa puso, re samagana le leeto la rona la go godisa ikonomi. Ke ka ntlha ya kgang eno e leng gore, le fa go na le sekgala se segolo mo matloleng, re ka se tsenyeng tirisong koketso ya lekgetho e e kwa godimo. Boemong jwa seno, baduelalekgetho ba tla utlwelwa botlhoko mme go tla nna le di kgato di le dintsinyana go  atolosa lekgetho la dikoporasi.
Re gatela pele gape le mo di kgatong tsa go busetsa maemo sekeng mo makaleng a a jaaka a tlamelo ya motlakase, mafelo a boemakepe le a diterene mmogo le a mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ka maitlhomo a go fokotsa ditshe nyegelo tsa go bula dikgwebo ka fa nageng. Ka setheo sa Tlamelo ka Matlole a Mafaratlhatlha a Ditheo tsa Puso maitlhomo a rona ke go bokeletsa tlamelo ka matlole go tswa mo ditheong tse dintsi tse di farologaneng gore di tle go beeletsa mo lenaaneng la rona le legolo la dikago. Ka go dirisa togamaano ya rona ya dii ntaseteri mmogo le letsholo la rona la go ngoka dipeeletso re bulela dikgoro tsa dikarolo tse di bo tlhokwa thata mo kgolong ya ikonomi.
 Re baakanya taolo ya ma tlole a puso gore  re kgone go di ragatsa kgolo e e akaretsang botlhe mmogo le go tlhola ditiro.
Maemo fa a le jaana a tlhoka gore re se ikaketse. A tlhoka gore re di risane mmogo, go na le go fetlha dikgogakgogano. Go na le mo re tla tshwanelwang ke go ikentsha setlhabelo le mo re tla tshwanelang ke go naganelana gone.
Seno se re ama rotlhe, mme re tshwanetse go jara maikarabelo mmogo mme rotlhe re thusane go goga le go ntsha naga ya rona mo tobetobeng e e leng mo go yona.