Loga maano a a nonofileng mabapi le tiriso ya madi 

Ngaka Rufaro Mucheka

Ngwaga yo mošwa ke nako ya go si molola sešwa, go  ipeela dintlha tse di nang le mooko tse o batlang go di fitlhelela, go itlwaetsa dilo tse dintšhwa le go baakanya diphoso tse o di dirileng mo ngwageng yo o fetileng le go thiba dipha tlha tse di butsweng ke tiriso ya gago ya madi mo nakong e e fetileng go netefatsa gore o nna le isago e e tsepameng.
Seemo sa ikonomi mo  ngwageng wa 2020 se bona gala e kete se tla nna boima go gaisa sa mo ngwageng o o fetileng wa 2019, ka jalo go bo tlhokwa gore o ipatle o ipatli sise ka matlole a gago. Go ikemela fa go tla mo tirisong ya matlole ke ntlha e kgolo e e tlotlegang, fela ke batho ba le mmalwa fela ba ba itseng gore ba tshwanetse go simolola  kae. Go tsaya dikgato di le mmalwa tsa tlhokomelo ya madi go tla go thusa gore mo ngwageng o mošwa o atlege.Go netefatsa gore o a ikemela fa go tla mo tirisong ya matlole, rulaganya maano a gago a matlole ka go dirisa thulaganyo ya SMART  gore o kgone go nna le isago e e sa go sitiseng ka matlole. Seno se raya gore o loge maano a a:
• Totobetseng • Nang le kelo • Fitlhelesegang • Siameng • Rulaganyeditsweng nako.
Mo godimo ga seno, go botlhokwa tota gore o loge maano a gago a matlole ka kelotlhoko.Ano ke maele a o ka a dirisang go go thusa:Tlhoma dipeelo tsa gago tsa matlole etela tiriso ya gago ya ma tlole mo ngwageng wa 2019 go bona tse dintle le makoa a o nnileng le ona mme o loge maano a mašwa mo ngwage ng wa 2020.
Tswala dikoloto tse o nang le tsona  Dirisa madi a mangwe le a mangwe a o nang le ona kwa thoko go tswalela dikoloto, ka ntlha ya gore fa o duelela dikoloto tsa gago ka bonako o iphokoletsa go iphitlhela o duetse madi a a boitshegang a a tla bong a tlhodilwe ke dinamane tsa sekoloto.Baakanya maano a gago a go dirisa madi Fa o ntse o tsweletse go disa ka fao o dirisang madi ka gona, baakanya maano a gago a go dirisa madi, oketsa madi a o a bolokang mme o fokotse madi a o a dirisang. Fa kwa tirong o okeleditswe mogolo, tsenya madi a mangwe go tswa mo mogolong oo kwa polokelong go na le go a dirisa go ipha ntsha ka ona.
Lekola dipholisi tsa gago tsa inšorense Tlhatlhoba inšorense ya gago ya botshelo jwa gago, ya boitekanelo, ya go tshela ka bogolofadi le ya nakwana go netefatsa gore dituelelo tsa gago di tsamaelana le ditlho kwa tsa gago.
Buisana le molekani wa  gago ka madi o lokologile  Go na le setlwaedi sa gore balekani ba tshabe go  buisana ka matsapa a bona a madi. Tshwarang dikopano tsa kgwedi le kgwedi mme le buisane ka dithulaga nyo tsa madi, tseo le batlang go di fitlhelela mabapi le  matlole mmogo le tseo bobe di jwa lona le batlang go di  fitlhelela mo isagong.Tsayang nako le buisane gore le batla gore bokamoso jwa lona bo lebege jang.
Fokotsa madi a o a dirise tsang go itumedisa  Itumedise ka dilo tse di sa tlhokeng gore o itšhotolole, tse di jaaka go etela diphaka, dilaeborari mmogo le ditiro tse dingwe tse o ka di dirang mo motseng wa gaeno.Go ditsela di le dintsi tse o ka di dirisang go itumedisa ntle le go senya madi.
Maele a go go thusa gore o se fetole  mogopoloGo diragatsa se o itsholofedi tseng go se dira ka go somare la matlole go le gantsi ga go bonolo, fela leka gore:
• Gangwe le gape o le-kole akhaonto ya gago ya  banka – o lebelele gore o di risa jang madi a gago.• O ipaakanyetse gore go tla tsamaya go nna le dipoelomorago.• O se tsene mo dikolotong tse o sa di rulaganyetsang.• O reke dilo ka botlhale. Ipo tsise gore: A tota ke tlhoka selo seno se ke batlang go se reka? A selo seno ke se sengwe sa dilo tse di leng mo lenaneong la me la ka fao ke tla dirisang madi ka gone?• Ikopanye le moeletsi wa tsa matlole fa o sa itse gore o ka simolola kae.
 Ngaka Rufaro Mucheka (PhD) ke Motlhankedi yo a Kwadisitsweng Semmuso wa Mologamaano a Matlole e bile gape ke Tlhogo ya Togamaano mme o direla Rest Of Africa mo go Nedbank Financial Planning.
