BMW e tsenela ntwa ya go lwantshana le GBV

Vukuzenzele unnamed

Setlamo sa BMW Group South Africa se neelane ka dija naga tsa BMW i3 tse di tla dirisiwang ke mekga tlho ya baagi go ka fitlhe lela batswasetlhabelo ba Tirisodikgoka e e Totileng Basadi le Bana (GBV).
Dijanaga tseno di amogetswe ke diatla tsa ga Moporesitente Cyril Ramaphosa mmogo le Mokhanselara wa naga ya Jeremane Angela Merkel. Di ne tsa neelwa ba Mokgatlho wa  Dikgwebo tsa Aforika Bo rwa Malebana le Merero ya Boitekanelo le ya Bolwetse jwa Phate (SABCOHA) gore ba di tlhokomele mo legatong la Bolaodi jwa Komiti e e Digogang kwa Pele ya Na kwana ya  makala a mantsi a a farologaneng a a samaganeng le merero ya Tirisodikgoka e e Totileng Basadi le Bana mmogo le Dipolao tsa Basadi (GBVF).Thuso eno go tswa kwa setlamong sa dijanaga e toto batsa tirisanommogo e e tswe letseng go gola magareng ga puso le mekgatlho ya baagi, e e tsenyeletsang makala a di kgwebo le badirisanimmogo ba maphata a boditšhabatšhaba, mo go ka lwantshaneng le GBVF.Letsholo leno ke karolo ya Letlole la Phetolothefosano la Diintaseteri tsa Dijanaga (le le jang bokanaka R6 bilione), le le tsentsweng tirisong gore le tlise diphetogo mabapi le go refosana maemo mo lekaleng la dijanaga le go kgontsha gore bao mo malobeng ba neng ba sa letlelelwa go nna le seabe mo go lona ba neelwe ditšhono tsa go nna le seabe, go akarediwa le basadi, bašwa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi.Fa a ne a bua kwa moketeng wa semmuso wa go neelana ka dijanaga, o o neng o  tshwaretswe kwa Lefelong le go Agiwang Dijanaga tsa Setlamo seno sa Tlhagiso ya Dijanaga tsa BMW kwa Rosslyn, Tshwane, mo malobeng Moporesitente Ramaphosa o rile dijanaga tseno di tla thusa go boloka matshelo. O lebogile ba BMW go bo e le setlamo sa ntlha go neelana ka dijanaga, mme o ne a rotloetsa tse di-ngwe gore le tsona di gate mo motlhaleng wa bona.“Kgato eno ya gonna le tirisanommogo e e edileng magareng ga dikoporasi le baagi ke sekai se sentle se se tlhamaletseng seo re batlang go se bona mo ditlamong tse dingwe gape tse dintsi gore le tsona di tsee malebela mme di diragatse fela jaaka seno.“Go nneng teng ga BMW mo nageng ya Aforika Borwa go supa kamano ya tirisanommogo mmogo le ya ikonomi e e leng kgale e le teng magareng ga naga ya Jeremane le ya Aforika Borwa,” ga rialo Moporesitente Ramaphosa.
Maano a tshoganye tso a go tsibogela GBVLeanotlhomo la Naga mabapi le GBVF, le le tlhalosang dikgato tse dintsi tse di farologaneng go samagana le GBVF, le lona le setse le  tlhomilwe.“Leano leno le tsepamisitse mogopolo mo go matlafatseng dikgato tsa thibelaketegelo, mmogo le go netefatsa gore basadi le bana ba naga ya rona ba nna ka fa tlase ga moriti wa tshireletsego le bosiamisi. Leano leno gape le umaka  ntlha ya matlafatso mo mererong ya ikonomi, e leng karolo e e botlhokwa thata mo go rona jaaka re le puso, re tla bo re tsepamisitse megopolo ya rona mo go yona,” ga rialo Moporesitente Ramaphosa.Tlhogo ya Karolo ya Tlhagiso ya Dijanaga ya Setlamo sa BMW South Africa, Ngaka Milan Nedeljkovic, a re palogotlhe ya batho ba le 4 000 mo nageng ya Aforika Borwa ba thapilwe ke setlamo sa BMW, go tsenyeletsa le mo diphatlhatirong tsa bolaodi moo ba le bane mo go ba le batlhano ba setlamo seno e leng ba ka fa nageng eno.Mo godimo ga seno, Nede ljkovic o rile batho ba ba ngwe gape ba feta ba le 40 000 ba thapilwe ka fa nageng ke  ditlamo tse di tlamelang se tlamo seno ka ditirelo ka fa nageng ya Aforika Borwa.“Lefelo la katiso la rona la ntlha mo setlamong sa BMW South Africa le simolotse go dira ka ngwaga wa 1978 mme go tloga ka ona motsi oo, batho ba feta ba le 2 000 ba setse ba katisitswe ke BMW le go bona diphatlhatiro gona ka fa  setlamong sa BMW.“Dingwaga di le tharo tse di fetileng, setlamo seno se butse sekolo sa katiso go tlhatlosa maemo a katiso mo ditirong tsa botegeniki gore a eme kwa maemong a a kwa godimo,” ga rialo Nedeljkovic.
O tlhalositse gore moono wa setlamo seno o tlhalosa sentle gore thuto ke yona tsela e e lebisang kwa ka tlegong, le gore “go tswelela go se kgaotse go ithuta mo Setlamong sa BMW ke karolo e nngwe ya katlego eo,” ga rialo Nedeljkovic.“Ka ngwaga wa 2025, re tla tshegetsa bana ba feta milione mmogo le bašwa lefatshe ka bophara ka go dirisa manaane a thuto a a totileng bokgoni jo bo tlhokagalang, re totile manaane a a tsepamisitseng mogopolo mo bokgoning.”Moporesitente Cyril Ramaphosa o na le Mokhanselara wa naga ya Jeremane Angela Merkel kwa moketeng wa go neelana ka dijanaga o o neng o emilwe nokeng ke setlamo sa BMW go thusa go lwantshana le GBVF.
