Bašwa ke bokamoso jwa naga ya rona

vukuzenzele unnamed

Gangwe le gape fa ke buisana le bašwa ka gale go ntira gore ken ne le matlhagatlhaga. Go a itumedisa go tlhaloganya dikgaratlho le diphenyo tsa bona le ponelopele ya bona go seo se ka dirwang go tokafatsa naga eno.
 Ga go nnete e e fetang eno gore bašwa ke karolo e e botlhokwa thata e e tla tswelelang go nna teng mo mookong le mo popegong ya setšhaba sa rona.Le fa re itse sentle gore ka gale ba rata go tsaya dilo bobebe, ga ba na kgatlhego mo dipolotiking kgotsa ebile ba itebeletse ba le nosi, dithuto tsa bo ditšhabatšhaba le tsa selegae ka gale di totobatsa gore bašwa go dikologa lefatshe ka gale ba na le tsholofelo e e namatshang ka ga bokamoso jwa bona.Go ya ka dipoelo tsa ditlhopho tsa Ipsos Pulse of the People e e golotsweng ka Ferikgong, 61% ya maAforika Borwa a dingwaga di le 15 go ya go di le 17 ba na le tsholofelo ka ga 2020.Ga ke na pelaelo gore seno ke maikutlo a a leng mo bašweng ba ba farologaneng ka kakaretso, bogolosegolo setlhopha sa bašwa ba ba belegweng mo tshimologong ya ngwagakete bao ga jaana ba simololang bo tshelo, bao bašwa ba ba bitsang ma2000.Bano ke barwa le barwadi ba ba belegweng morago ga gore naga ya rona e iponele temokerasi. Le fa bona ba sena maitemogelo a bosetlhogo jwa tlhaolele, ba tswelela go tshelela mo ditlamo ragong tsa yona tse di ka ga go se lekalekaneng ga lotso, tshokelelo ya bonno le lehuma. Bašwa bano ba a itshepa, ga ba ikobonye mme e bile gape ba phophoma ka maikemisetso.Bašwa bano ba itse ditshwanelo tsa bona sentle mme ga ba tshabe go di lwela.Bašwa ba naga ya rona ba bo ntsha matlhagatlhaga, tsholofe lo, boitumelo, bokgoni, bokamo -so le kgololesego.Ke ba ba tsaletsweng mo nakong ya didirisiwa tsa di dijithale mme ke dikgeleke mo tirisong ya dithekenoloji tsa sešweng mme ba ipona ba dira ditiro tseo di neng di se teng ka nako ya batsadi ba bona.Letsatsi pele ga Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA)  ke ne ka nna le tšhono ya go buisana le setlhopha se se jalo sa bašwa ba ba matlhaga tlhaga kwa puisanong e e ka ga ditshika tsa dingwaga tse di farologaneng tsa ka fa nageng ya rona e e neng e rulagantswe ke Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA).Re sekasekile dintlha tseo di leng botlhokwa thata go bašwa le go lebisisa ditsela tseo ka tsona re ka lolamisang dintlhapono le ditiro tsa rona.Jaaka setlwaedi, go bona tiro le ditšhono go ne go le kwa setlhoeng mo lenanetemeng.Mo bašweng ba le 1.2 milione ba ba iponelang ditiro ngwaga mongwe le mongwe, ba ka nna ba le babedi mo go ba le bararo ba iphitlhela ba latlhegetswe ke ditiro, ba sena dithuto le dikatiso tse di maleba.Batsayakarolo mo puisanong ba itumeletse gore ntlha ya go thapiwa ga baswa e tsibogelwa le kwa maemong a a kwa go dimo a puso. Fela dikgoreletsi tse ba di tlhagisitseng ke se re se itseng: ba tlhagisitse gore bona bae me sejaro mo go nneng le seabe mo ikonoming ka ditsela tse di farologaneng, go tsenyele tsa jaaka tsa go nna borakgwebo, fela dithulaganyo tsa tsamaiso tse di tlhokang dintsanantsana di sena palo mmogo le tlhokego ya ketleetso ka matlole e ba thibela go dira jalo.Jaaka Bright Hlongwane wa mokgatlho wa Bašwa mo  Kgwebong ya Aforika Borwa a mpoleletse, go tlhokega gore go nne le matlole a a okeditsweng go borakgwebo ba bašwa. Ba ka rata go bona mefutafuta ya ditheo tsa ditšhelete, ditheo tsa tlhabololo ya ditšhelete, babeeletsi ba ba etleetsang ka matlole go dikgwebopotlana, difeme tsa matlole tsa poraefete gammogo le dibanka tsa kgwebo tse di itekang lesego ka go oketsa sekoloto le go lekeletsa go bagwebi ba bašwa.Gore naga ya rona e gole ka katlego re tshwanetse rotlhe re dire ka gotlhe ka moo re ka kgonang go netefatsa gore bašwa ba ka tsaya karolo mo ikono ming ya rona ka tsela e e nang le mosola, e ka nna ka ditsela tse di tlwaelegileng tsa go ba thapa mo ditirong kgotsa ka go ba bulela ditšhono tsa gore bona k abo bona ba kgone go itirela ditiro le go ithapa. Ka jalo, go ne go le maleba gore nka dirisa serala seno go tlhama Tsenogare ya Moporesitente mo go Thapiweng ga Bašwa, eo e leng tomagano ya leano le pono ya bosetšhaba eo e tlhalosang ditiro tse di kwa setlhoeng go samagana le botlhokatiro jwa bašwa. Seno se tsenyeletsa tsela ya bosetšhaba go mafaratlhatlha a botsamaisi eo e nyalanyang bakopatiro le ditšhono tsa tiro.Seno se tla kgontsha bašwa go  fitlhelela ditšhono jaaka ba ba ngwe ba bona ba sena mafara tlhatlha ao a dirang gore go nne bonolo go fitlhelelela ditšhono tse di ka ba siamelang.Go tla rulaganngwa dikhosokhutshwe tse di kgethegileng tse di totileng bokgoni jo bo rileng joo ga jaana bathapi ba bo tlhokang. Maikaelelo a seno ke go samagana le bothata jwa go sa nyalane magareng ga mananeo a thuto, katiso le tlhabololo a ga jaana le ditlhokego tsa ikonomi.Re nesetsa pula tiro e e setseng e dirilwe mo ntlheng eno, jaaka lenaneo le ga jaana le setse le rebotswe mo Lefapheng la Temothuo, Phetolo ya Lefatshe le Tlhabololo ya Magae mmogo le mo go la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso go ka katisa baithuti ba bašwa ba le 1 000 kwa Foreisetata mo go tsa temothuo le bokgoni jo bongwe.Bašwa ba le bantsi ba batla go itshimololela dikgwebo tsa bona.Ba tlhaela bokgoni jwa setegeniki joo bo ka ba thusang go simolola dikgwebo tsa bona.Tsenogare eno e tla tshegetsa kgolo ya borakgwebo ba bašwa.Boammaruri ke gore bogwebi ga se tharabololo ya mathata  otlhe, fela ke dumela gore ke tse la e e nonofileng le go rurifadiwa go neela boitshupo le mosola, maikutlo a go nna le tshwanelo, le tsholofelo go isago ya bašwa.Lenaneo la Tirelo ya Bašwa la Moporesitente le neelana bašwa ditšhono tse di tla tswelang metse e ba tswang kwa go yona mosola. Boitshimoledi jono bo dirilwe go tsenya phetogo le go dira tshusumetso mo sekaleng, go na le mananeo a a kgaoganeng ao a nang le tshosometso e e lekanyeditsweng. Gape ke tlhalositse mo SoNA gore re tla beela kwa thoko 1% ya tekanyetsokabo ya bosetšhaba go dirisediwa mabapi le mananeo a a tla tlholelang bašwa ditiro. Mananeo a le mantsinyana mmogo le diporojeke a a tlha miwa go samagana le kgwetlho eno e e leng ka fa nageng.  Bašwa ba naga ya rona ba bona seno e le tšhono le tsholofetso, le fa tota ba tlhomerwe ke dikgoreletsi tse ba kopanang le tsona.Mo bekeng e e fetileng fela ke kopane le bašwa ba le mmalwa ba maAforika Borwa bao ba ntirileng motlotlo ka bokgakala jo re re tswang kw go jona le seo seo re se fitlheletseng ga jaana.Ga jaana re na le borame tshameko ba bašwa jaaka mo itseanape wa motshameko wa kolofo Sim ‘Tiger” Tshabalala yoo o kokoanyang dikgele tsa kolofo tsa boditšhatšhaba ka fa la ka fa ka a na fela le dingwaga di le robedi. O mo maemong a bosupa mo lefatsheng mo se tlhopheng sa dithaka tsa gagwe le go fenya metseletsele ya me tshameko ya kolofo go tsenye letsa US Kids golf tournament gabedi. Mowa wa me o ne wa ya kwa godimo fa moithuti wa Mophato wa bo 11 Sinoyolo Qumba go tswa kwa Orange Farm a nkwalela ka ga seo se tshwane tseng go akarediwa mo go SoNA ya monongwaga. Sentlentle e ne e le karolo ya setlhopha sa bakwadi sa rona mo tsamaisong ya go tlhama puo eno. Go na le bakgaratlhi ba ba matlhagatlha ga ba ba jaaka Ayakha Melithafa go tswa kwa Eerste Rivier kwa Kapa Bophirima, yoo a neng a tsenetse Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe kwa Davos go ipiletsa go baeteledipele ba lefatshe go ema nokeng bosiamisi jwa tlelaemete. Ke ne ke gakgame tse thata fa ke ne ke kopana le Michelle Nkamankeng yoo, ka dingwaga di le 11, e leng mo kwadi yo monnye mo Aforika le go nna mo maemong a ba kwadi ba ba lesome ba ba kwa setlhoeng mo lefatsheng. Mo kwadi yono o kwadile dibuka di le supa le go kwala buka ya gagwe ya ntlha a le dingwaga di le 6 fela. Jaaka Moporofesara Jonathan Jansen a buile: “O a itshepa, o tlhamaletse sentle mo puong ya, o na le kitso le lerato la se a se dirang”.Ke bašwa bano bao e leng dibenyane tsa mmatota tsa isago ya naga ya rona le go re gakolola gore kgololesego ya rona e fe ntswe ka go ikentsha ditlhabelo ga makau le makgarebe ao a neng a ikaeletse gore eseng fela bona, fela le bao ba tlang kwa morago ga bona, ba tshwanetse go tshela mo leseding la kgololesego. Re tshwanetse go tswelela go dira mmogo re le puso, kgwebo, mekgatlho ya badiri le ya baagi go netefatsa gore mokgweleo wa botlhokatiro o se tswelele go ketefalela bašwa ba rona, go  tšhwatlaganya mewa ya bona le go ba dira gore ba tlhoke tsolofelo. Ke na le tshepo ya gore ditiro tse di tlhalositsweng mo SoNA di tla emela molelwane o montšhwa wa tlhabololo ya bašwa.Jaaka Frantz Fanon a buile, ke go losika lengwe le lengwe go iponela moono wa lona. Losika lono lo iponetse lwa yona. Jaanong go mo diatleng tsa rona go ba tshegetsa gore ba diragatse le go garela se ba se  iponetseng. Ke ntlha e e itsegeng go tswa lowe tota gore setšhaba se se retelelwang ke go neneketsa le go tlhabolola bokgoni jwa  makgabutlane a sona ka katlego e tla nna sona sa baipolai ba ba sa lelelweng.
