Bona tshedimosetso e e mo dinakong mme o sekegetse motlakase

Silusapho Nyanda

GO NA LE DILO  di le dintsi tse maAforika Borwa a ka di dirang go somarela motlakase le go efoga go kgaolwa ga motlakase.
Motsamaisi wa Namaosatshere wa Seteišene sa Motlakase sa Matimba sa Eskom Obakeng Mabotja o rile go tlhokega ga mo tlakase o o lekaneng mo Aforika Borwa go ama matshelo a batho gonne ditiro tse di tlwaelegileng ga di direge ka nako ya fa go kgaotswe motlakase. Seteišene sa Motlakase sa Matimba se kwa Lephalale, Limpopo.Mabotja o tlhalositse gore go kgaolwa ga motlakase go diragala fa Eskom e sa kgone go tlhagisa motlakase o o lekaneng go fitlhelela ditlhoko tsa naga. Ka jalo, go botlhokwa gore maAforika Borwa  otlhe a tshameke karolo ya bona mo go diriseng motlakase yo o kwa tlase. Maele a go dirisa mo lakase o o kwa tlase go tswa go Eskom:
• Tima mabone fa o tswa mo phaposing.• Dirisa mabone a LED.• Tima didiriswa tsa motlakase fa o sa di dirise.• Dirisa fela metsi a a tsididi, ntle le fa go tlhokega.• Dirisa kobo e e thutafetseng go phuthela sebedisa metsi sa gago.Mabaka a le mmalwa a ka kgoreletsa tlhagiso ya motlakase, go tsenyeletsa tlhokomelo, go kgaolwa go go sa lebelelwang, mme se se botlhokwa go gaisa ke maemo a bosa.Mabotja o rile polanta ya gagwe, bogolosegolo, ke yona e e amiwang ke maemo a mogote yo o kwa godimo. “Mo matsatsing a a mogote go gaisa, seteišene se retelelwa ke go tlhagisa motlakase ka bokgoni jwa sona jo bo feletseng, “a rialo.Seteišene sa Motlakase sa Matimba se dirisa malatlha go tlhagisa motlakase, mme se dirilwe go tlhagisa 3990 MW. “Motlakase o phasaladiwa ka tiriso ya seteišenepotlana sa phasalatso. O tsamaya ka mela ya phetiso ya maatlaboloto a a kwa godimo le go feta ka diphetoledi tlase go fokotsa maatlaboloto. Motlakase morago o fetisediwe go kiriti ya bosetšhaba.”Malatlha a seteišene sa mo tlakase a tswa kwa moepong wa Exxaro’s Grootegeluk. O tsamaisiwa ka thulaganyo ya lebantaphetiso go ya go mafelopeelo, pele a ya kwa ditshilong fao a thubiwang le go fetolelwa go nna motlakase, ga rialo Mabotja.
 


