Dintlha tse di feletsengka ga ADHD le ADD

Silusapho Nyanda

GO NA LE THUSO  go bana ba ba nang le bokoa jwa go sisibala le go tlhwaya tsebe le go nna le matlhagatlhaga a a feteletseng.
Fa ngwana yo a nang le Bokoa jwa go Sisibala le go Tlhwaya Tsebe le go nna le Matlhagatlhaga a a Feteletseng (ADHD) kgotsa Bokoa jwa go sa Kgone go Tlhwaya Tsebe (ADD) bo sa alafiwe, maemo a ka nna le ditlamorago tse di sa siamang tsa paka e telele mo boitekanelong jwa gagwe.Seno ke go ya ka Ngaka Khatija Jhazbhay, yoo a etele tseng pele Yuniti ya Child and Adolescent Psychiatry kwa Townhill Hospital kwa Pieter-maritzburg, KwaZulu-Natal.O tlhalositse gore jaaka bagolo, bana bano ba ka nna le kotsi e e oketsegileng ya malwetse a mangwe a tlhaloganyo, jaaka matshwenyego le kgatelelo ya maikutlo, mme gape ba ka dirisa diritibatsi botlhaswa.  ADHD le ADD e ama  tswelopele ya dithuto tsa bana mme maitsholo a bona a ka tena ba bangwe. Bana bano ba ka nna ba se ratiwe, ba tsena mo mathateng le go tshabelelwa ke dikotsi.“Maemo a ngwana yo mo ngwe le yo mongwe a tshwana a le nosi mme a tswelela go nna a ntse a gola, ka jalo go bo tlhokwa go dira tlhatlhobo e e feletseng ya kalafi go lemoga mabaka a mangwe ao a ka amang tswelopele ya bona, gammogo le maatla ao a ka agelelwang go ba thusa go fi tlhelela bokgoni jo bo feletseng jwa bona,” go rialo Ngaka Jhazbhay.O tlhalositse gore ADHD le ADD ke makoa a kgolo le tswelopele ya boboko eo e tlhagelelang ka mathata a maitsholo, jaaka go sa kgone go tlhwaya tsebe. Seno se bonala ka mokgwa wa:
• go dira diphoso tse di  botlhaswa• go sa fetse ditiro• go timetsa dilwana• go kgoreletsega bonolo le go lebala.Dikao tsa go nna matlhagatlhaga a a feteletseng kgotsa go dira o sa akanye go tsenyeletsa:
• go etsaetsega• go phophotha diatla kgotsa dinao• go tlhonatlhona mo mannong a bona• go phantsha dikarabo le go emelela ka dinao fa go solofetswe gore ba nne fa fatshe.“Matshwao a tlhagelela ka maemo a mabedi kgotsa go feta – kwa gae, kwa sekolong, le fa a na le ditsala kgotsa balosika kgotsa ka nako ya ditirwana tse dingwe – le go tsenagare ditiro tsa loago, tsa kwa tirong kgotsa tsa kwa sekolong. Matshwao a a tseneletseng go gaisa a tlhagelela pele ga dingwaga di le 12 mme a tshwanetse go nna teng sebaka sa bonnye jwa dikgwedi di le thataro. Barutabana ba kgona go bona mathata a maitsholo mme ba ka romela ngwana go ka dirwa tlhatlhobo e e tseneletseng ya ngaka. Go na le dikalafi tse di farologaneng tse o ka di tsayang tsia. 