Go aga setšhaba se se kgathalelang bana

vukuzenzele unnamed

Go na le seane se se tlwaelegileng go bontsi ba ditso tsa maAforika se se reng  ngwana sejo o a tlhakane lwa. Kakanyo eno – ya gore setšhaba ka bophara se na le maikarabelo go kgolo, tshiamelo le pabalesego ya ngwana yo mongwe le yo mongwe – e mo monaganong fa ke nagana ka loso lo lo utlwisang botlhoko le go feretlha maikutlo la ga Enock Mpianzii wa dingwaga di le 13 kwa khempeng ya sekolo sešweng jaana.
Ka kutlobotlhoko, Enock ga se ngwana a le nosi go latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe e le ka ntlha ya mabaka ao a ka neng a ka thibelwa, fa fela bagolo ba ne ba nnile kelotlhoko le go nna le maikarabelo. Motho o nagana ka yo mongwe yo o dingwaga di le 13, Keamohetswe Shaun Seboko, yoo sešweng jaana a sa tswang go nwela mo letamong la bothumelo kwa sekolong se se potlana sa Magaliesburg, le bana ba babedi bao ba tlhokafetseng kwa Sekolo se se Potlana sa Le kgolo kwa Limpopo fa llori e thu la lebota leo le neng la ba wela.Gape ke iphitlhela ke nagana le ka bontsijwba bana, jaaka Na thlia Pienaar wa dingwaga di le 6, yoo o neng a bolawa ke lerumo la tlhobolo le le neng le sa mo lebana la dintwa tsa digongwana tsa disenyi kwa Cape Flats. Re gopola le dintsho tse di botlhoko tsa Michael Komape le Lumka Mkethwa, bao ka bobedi ba tlogetseng lefatshe le le ka kwano morago ga go wela mo mesi meng ya dintlwanaboithusetso.Matshelo a bana botlhe bano, mmogo le matshelo a ba bangwe ba le bantsi, go ne go sa tlhokege gore re a latlhegelwe. Masula otlhe ano a ka bo a thibetswe fa go ka bo go tserwe dikgato go faposa bana bano mo kotsing.Mo go nna go lebega o kare, jaaka baagi, re foseditse bana ba rona.Bana ba le bantsi ba iphitlhela ba le mo  maemong a a kotsi, e ka nna mo mokorwaneng oo ba o itiretseng go kgabaganya noka kgotsa ba tlogetswe ba le nosi mo mokhukhung ka lebone la parafene. Fa boradikonteraka ba tlogela mafelo ao ba a epileng a sa sireletswa kgotsa mafaratlhatlha a sekolo a sa tlhokome lwe kgotsa sepalangwa sa sekolo se tletse go feta selekanyo, ma tshelo a bana a bewa mo kotsing.Fela kwa tirong botlhaswa le boitlhokomoloso di kwa pele. Bana ba le bantsi ba beilwe le itlho ke basotlakaki ka thobala no, digongwana tsa disenyi le barekisi ba diritibatsi ka  tlhamalalo gonne ba le ba le loko la batho ba ba tshelang mo tlalelong. Jaaka baagi, re tlhoka go nna tlhaga le go bonala thata mo go sireletseng bana ba rona go tseno le dikotsi tse dingwe.Jaaka baagi, re tlhoka go dira gore e nne setlwaedi go nna le maikarabelo.Re tlhoka go ikemela, re emelele  bana ba rona le bathoba bangwe. Fela jaaka re tlhoka go netefatsa gore bana ba golela mo tikologong e e sireletsegileng, e e nonotshang le e e kgatlhisang, re tlhoka go dira fela  jalo le rona go dira tiro ya go sireletsa le go tlhokomela botlhe bao re ba itseng le bao reamanang le bona.Re tshwanetse go bona kgato eno ya tlhokomelo le mo ditseleng tsa rona, Le fa re amogela kwelotlase ya dintsho tsa mo mebileng, nnete e e ngomolang pelo ke gore batho ba feta 1,600 ba latlhegetswe ke matshelo mo mebileng ya rona mo sebakeng sa kgwedi le halofo. Go swabisa nko go feta molomo gore bakgweetsi ba dikoloi ba feta 9 000 ba ne ba tlhatlhelwa mabapi le ditlolomolao tse di tsenyeletsang go kgweetsa o nole nnotagi, go kgweetsa ka lobelo le le kwa godimo, go kgweetsa botlhaswa le go itlhokomolosa melawana ya go kgweetsa mo tseleng. Kgato eno ya go itlwaetsa go rwalwa maikarabelo e kaya gore rotlhe re tshwanetse go kgweetsa ka pabalesego le go tlotla ditshwanelo tsa batsamaakadinao le badirisi ba bangwe ba tsela.Kgato ya go itlwaetsa go rwala maikarabelo e kaya gore borre ba tlhoka go godisa le go nna teng mo matshelong a bana ba bona. Basadi ba le bantsi ba iphitlhela ba lebanwe ke go godisa bana ka bobona, mme seno go le gantsi se ba kgoreletsa go ka atlega mo matshelong a bona le bana ba bona.
Kgato ya go itlwaetsa go rwala maikarabelo gape e kaya gore re tshwanetse go ikamanya le merero ya thobalano e e sireletsegileng le go sa fetelwe ke mogare wa HIV kgotsa go o fetisetsa go ba bangwe. Ga re a tshwanela go dirisa nnotagi kgotsa diritibatsi botlhaswa. Re tshwanetse go nna le phisege-lo ya go tshela botshelo jo bo itekanetseng gore re tle re fapoge malwetse ao a kgonang go thibelwa le go tshela matshelo a maleele.Dikgato tsa mothale ono di tshwanetse go amogelwa bogolosegolo ke botlhe mo setšhabeng ba ba nang le maemo a taolo le tshosometso, e ka nna baeteledipele ba sedumedi kgotsa boradipolo-tiki, baeteledipele ba setso kgotsa batho ba ba itsegeng. Ka mafoko a bona le ditiro, ba tshwanetse go batla go aga setšhaba se se botoka seo mo go sona botlhe ba tlotliwang le go tlhokomelwa.Batlhankedi ba ba tlhophilweng le badiredipuso ba rwesitswe maikarabelo a go netefatsa pabalesego le tshia-melo ya baagi. Ba tshwanetse go netefatsa gore go na le ma-faratlhatlha a a lekaneng le a go babalesega kwa dikolong.  Ba tshwanetse go tsiboga ka bonako fa go na le kgoreletsego ya kelelo ya metsi mo baaging kgotsa fa go begiwa mabone a mo mebileng a a sa direng. Ba tshwanetse go netefatsa gore melao ya boitekanelo le pabale-sego e a obamelwa le gore go na le molao.Mo godimo ga tiro e e tswele tseng eo e diragalang go ralala le maphata a puso ka bophara, go diragatsa maikarabelo ano, ka dinako tse dingwe re ne re tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di kgethegileng go gaisa. Mo go samaganeng le dintsho le dikotsi tse di bakilweng ke bana ka go wela mo mesimeng ya dintlwanaboithusetso, re ne ra thankgolola letsholo la SAFE go itlhaganedisa go neelana ka dintlwanaboithusetso tse di maleba mo dikolong tsotlhe mo nageng. Re rometse Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aforka Borwa kwa mafelong a mangwe a a kwa Motse Kapa go tshegetsa tiro ya mapodisa mo maitekong a bona a go fokotsa dikhuduego tsa digongwana tsa bosenyi. Sešweng jaana, re le mmogo le mekgatlho ya baagi, re simolotse leano la tshoganyetso la tsibogelo go fedisa tirisodikgoka e e totileng basadi le bana.Le fa go le jalo, go tlhamaletse gore go santse go le go gontsi go re tlhokang go go dira, jaaka puso le setšhaba.Re akgola mekgatlho mmogo le batho b aba ikemetseng ka bobobna bao ba tsereng maikarabelo a go tlhokomela ba bangwe. Go na le batho ba tshwana le Ralph Bouwers le Mark Nicholson, bao ba rulagantseng ditiro tsa boitapoloso tsa bašwa kwa Lavender Hill kwa Motse Kapa e le go ba tlosa mo go ka ikamanyeng le digongwana tsa basenyi. Go na le bomme, boausi le bana ba basetsana bao ba dirang jaaka baithaopi ba baithuti mo mo kgatlhong wa Operation Bobbi Bear, kwa Amanzimtoti kwa KwaZulu-Natal o o tlamelang bana ba bannye bao ba  sotlakakilweng ka marobalo.Go na le ditlhopha tse dintsi tsa sedumedi jaaka Southern African Catholic Bishops’ Conference, bao ke kopaneng le bona sešweng jaana bao ba mpoleletseng ka ga tiro e ba e dirang go samagana le ditlhoko tsa bahumanegi, go tshegetsa malapa go nna le tlhokomelo e e tseneletseng le go nonotsha le go thusa bašwa go mekana le dikgwetlho tse di fa pele ga bona.
MaAforika Borwa ano a re bontsha tsela le nnete. Ka ditiro tsa bona, ba re gopotsa gore go kaya eng go nna motho yo o maikarabelo le go rwala ma ikarabelo mo go ba bangwe.Naga eno ya rona e ipone tse matlhotlhapelo a se kana ka sepe. Re latlhegetswe ke matshelo a bašwa ba rona a le mantis tota, ban aba rona ba le bantsi tota ba utlwisitswe botlhoko le go kgoberega maikutlo.Re ka tlisa matlhoko ano kwa bokhutlong fa rotlhe, mongwe le mongwe wa rona, a tsaya maikarabelo a go godisa bana mo motseng wa rona wa Aforika Borwa o mogolo.
