Go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo ke bothata jo bo tlhokang kalafo ya tshoganyetso

Allison Cooper

Basadi ba ba setseng ba kile ba aparelwa ke bothata jono jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo ba itse sentle kutlobotlhoko e e tlholwang ke seno, ka ntlha ya fa diteko tsotlhe tsa boimana di tsamaya sentle go se e e supang go ka tswa go na le bothata mo ditekong tsa moroto le tsa madi.
Seno ke go ya ka Ngaka Bushy Mhlari, Ngaka e Kgo-lo ya Mathata a Dirwe tsa Sesadi le a go Ima Leseana le le Golelang ka fa Ntle ga Popelo kwa Sepetleleng sa Dithuto tsa Bongaka sa Dr George Mukhari, yo a neng a tlhalosa gore bothata jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo ga bo iphitlhe mo teng ga popelo, moo go le gantsi boimana bo bonwang gone. O tlhalositse gore ka setlwaedi, fa lee la mosadi le sena go thuthusiwa ke seedi sa peo ya monna mo seno se diragalang ka fa teng ga lela la popelo, lee leno ka nako eo le thuthusegang le tla keka ka lela leno go fitlha le goroga mo bokhutlhong jwa lela leno mme le fitlhe le ikgomaretse mo dimpeng tsa popelo mo leseana le tla golelang gone. “Mo dikgetseng tsa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo, lee le le thuthusitsweng le ikgoma-retsa mo karolong nngwe le nngwe ya mmele. Go le gantsi mo dikgetseng di ka dira 98%, bothata jono jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo bo di-ragala mo maleng a popelo.  Dikarolo tse dingwe tsa mmele tse go sa tlwaelegang gore bothata jono bo diragale mo go tsone di akaretsa mo kgetsaneng e e tshwarang mae a bosadi, kwa godimo mo popelong le mo leleng le legolo le le tsenang mo molongwaneng wa popelo,” ga rialo Ngaka Mhlari.Fa seno se diragetse ga gona ka fao go ka busedi-wang leseana leno kwa le-tshwanetseng go golela teng ntle fela le gore moasdi yo a amegang a tsholole mpa. Ngaka Mhlari a re go na le kgonagalo e e kwa godimo ya gore mosadi a ka nna le bothata jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo fa e le gore; 
• o na le mala a popelo a a gobetseng kgotsa a a nang le matsapa, jaaka fa e le gore mo nakong e e fetileng a kile a  tshwaetswa ke malwetse a thobalano kgotsa fa a kile a diriwa karo ya mothale o o rileng ya lela la popelo; 
• mo nakong e e fetileng a kile a nna le bothata jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo; • o na le bothata jwa go se ime; • o na le batho ba le bantsinyana ba a ro-balanang le bona; • o goga motsoko.“Go thubega ga go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo ke seemo se se kotsi thata mme e bile gape ke sona se segolo se se tlholang dintsho tsa bomme ba ba leng mo mmeleng mo dikgweding tsa ntlha di le tharo tsa go nna mo mme-leng. Bothata jono jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo bo ama batho ba ba ka dirang 2% mo baaging,” ga rialo Ngaka Mhlari.
Matswhao a bothata jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popeloGo ya ka Ngaka Mhlari, matshwao ano a simolola go iponagatsa e sa le gale mo boimaneng. Ka dinako tse dingwe a iponagatsa le pele mosadi a ka elelwa gore o ithwele. Matswhao a a tlwaele-gileng a tsenyeletsa; 
• go opelwa ke letheka, • go tlolwa ke matsatsi a gago a go ya kgweding, le  • go tsuntsunyega madi mo serweng sa bosadi.“Le fa go le jalo, ga se basa-di botlhe ba ba itemogelang seno, basadi ba bangwe ga go na matshwao ape a ba itemogelang one go fitlha lela la bona la popelo le kgwamoga. Fa seno se di-ragala, mosadi a ka opelwa tota mme ba bangwe ba ka tsuntsunyega madi mo serweng sa bosadi. Seno se tla latelwa ke go dikwellwa, kubo ya madi e e koafetseng, go idibala, go garolwa ke letswalo le go thula botala ka tlhogo fa kalafo e ka diegisiwa,” o tlhalositse jalo.Go ribolola bothata jwa go ima leseana le le gole-lang ka fa ntle ga popelo go tshwanetswe go diriwe diteko tsa madi kgotsa tsa moroto go netefatsa gore boammaruri mosadi yoo o mo mmeleng. “Go tla diriwa ultrasound go tlhotlhomisa gore a tota popelo ga e na lesea ka fa teng ga yona le go tlhotlhomisa gore leseana le golela fa kae mo mmeleng wa mosadi,” ga rialo Ngaka Mhlari.Go alafa bothata jwa go ima leseana le le golelang ka fa ntle ga popelo“Fa bothata jwa go ima lese-ana le le golelang ka fa ntle ga popelo bo ribolotswe bo tla tshwanelwa ke gore bo alafiwe go thibela gore bo golele pele, gonne jaanong botshelo jwa mosadi yo a leng mo mmeleng le bone bo mo kotsing fa kalafo e ka diegisiwa,” ga rialo Ngaka Mhlari.“Go diriwa karo ke kgato e e leng teng ya ntlha ya kalafo ya bothata jwa go ima lese-ana le le golelang ka fa ntle ga popelo, le fa go le jalo, go ribololwa ga bothata jono go sa le gale go kgontsha gore kalafi ya jone e nne ya go nwa melemo pele bothata jwa go ima leseana le le go-lelang ka fa ntle ga popelo bo ka dira gore lela la popelo le kgwamoge,” o tlaleleditse jalo.Ngaka Mhlari o tlhalositse gore seno ga se bokhutlho jwa lefatshe, mosadi a ka santse a kgona go ka ima morago ga gore a fete mo bothateng jwa go ima lese-ana le le golelang ka fa ntle ga popelo. Basadi ba ba belaelang gore ba ka tswa ba na le bothata jwa go ima leseana le le go-lelang ka fa ntle ga popelo ba tshwanetse go bona-ngaka ya ditirelokakare-tso tsa kalafi, ba ye kwa sepetleleng kgotsa kwa tleliniking ya kwa motseng wa bona ka bonako.