Go tswa mo kgolaganong ya lenyalo semolao

Dale Hes

Fa e le gore le lekile ka moo le ka kgonang go baakanya lenyalo la lona mme go retetse, go tswa mo kgolaganong ya lenyalo e ka nna selo se se molemo se bobedi ba lona le ka itirelang sone. Go tswa mo lenyalong ke kgato e e boima e e ngamolang tlhogo mo malapeng a le mantsi mme e bile gape dithulaga-nyo tsa molao tsa kgato eno di ka go tlhakatlhakanya tlhogo.
Go tswa mo kgolaganong ya lenyalo ke fa kgotlatshekelo e fedisa lenyalo semmuso. Go na le mefuta e le mebedi ya go tswa mo kgolaganong ya lenyalo: Go tswa mo kgolaganong ya lenyalo ntle le go ganediwa – mo batho ka bobedi ba dumelanang gore ba tshwanetse go itokolola mo lenyalong la bona; go na gape le wa Go tswa mo kgolaganong ya lenyalo mme yo mongwe wa lona a sa dumelane le kakanyo eo – ke fa batho ba ba leng mo kgolaganong ya lenyalo ba sa dumelane go itokolola mo kgolaganong ya lenyalo kgotsa ba sa dumelane le ditlamorago tsa yona.
Josephine Peta, Motlhankedi wa Tsamaiso ya tsa Molao yo Mogolwane kwa Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mo Katorong ya Babueledi ba Merero ya Malapa, o tlhalositse gore thulaganyo ya go kgaogana mo kgolaganong ya lenyalo e simolola gangwe fela fa kgotlatsekelo e go reboletse taelo ya go iponagatsa kwa kgotlatshekelo.
“Motho yo a batlang go tswa mo lenyalong a ka kopa taelo ya go iponagatsa kwa kgotlatshe-kelo mabapi le go lokololwa mo lenyalong kwa kgotlatshekelo-kgolo kgotsa kwa kgotlatshekelo ya kgaolo, kgotsa a ka ikopanya le mmueledi go mo thusa ka thulaganyo eo. Mokapelo yo a tlhatlhelang kgetse eno ya thulaganyo ya go itokolola mo le-nyalong o bediwa mongongoregi mme mokapelo yo mongwe yo kgetse e bulwang kgatlhanong le ene o bediwa  mosekisiwa,” Peta o tlhalositse jalo.
Peta o tlhalositse gore taelo ya go iponagatsa kwa kgotlatshe-kelo mabapi le go lokololwa mo lenyalong e tshwanetse e:
• tlhalose gore ga go sa na se sengwe gape se se ka diriwang go tsosolosa kamano ya bona,• tlhagise kgato e e ka tsewang go kgaogana dithoto kgotsa dikgato tse di gapeletsang tiragatso ya dilo tse di utlwanetsweng fa go ne go tsenwa mo lenyalong,  le • tlhalose dithulaganyo tse di tla diriwang mabapi le bana ba baratani bano, tse di jaaka gore ke mang yo a tla tsayang bana.
“Taelo ya go iponagatsa kwa kgotlatshekelo e tshwanetse e totobatse gape le gore  mosekisiwa  o neilwe matsatsi a le 10 – fa e le gore o nna le mongongoregi mo lefelong le le esi, kgotsa matsatsi a le 20 – fa e le gore bobedi bo nna kwa diporofenseng tse di farologaneng, go tsibogela taelo ya go iponagatsa kwa kgotla-tshekelo,” o ne a tlaleletsa jalo Peta.
Gang fa kgetse e setse e butswe, mongongoregi o tla busediwa ditokomane, mme ene o tla tshwanelwa ke go isa dikarolo di le pedi tsa ditokomane tseno kwa go moromiwa wa kgotla-tshekelo mo kgaolong eo  mosekisiwa a nnang kgo-tsa a dirang kwa go yona.
“Moromiwa wa kgotlatshekelo o tla isa ditokomane tseno ka namana kwa go mosekisiwa  le go mo fapha ka setlankana sa go amogela ditirelo, se se supang gore tirelo ya go tlisa ditokomane kwa go ene e dirilwe. Fa e le gore le na le bana, Katoro ya Babueledi ba Merero ya Malapa e tla tshwanelwa ke go itsisiwe ka ga seno,” Peta o ne a nopola seno. Morago ga sebaka sa matsatsi a le 10 kgotsa a le 20, mongo-ngoregi a ka tlhatlhela kgetse ya go kgaogana mo kgolaganong ya lenyalo kwa lenaneong la dikgetse tse di letileng tsheko kwa kgotlatshekelo. Mo dikge-tseng tsa go tswa mo lenyalong tse e leng gore yo mongwe o santse a kakatletse a ganana le go tswa mo lenyalong,  mosekisiwa o tla tshwanelwa ke go araba taelo ya go iponagatsa kwa kgotlatshekelo ka mokgwa wa go tlhagisa phisegelo yagagwe ya go ganetsana le kgato eno.
“Fa a dirile jalo, o tla tshwane-lwa le ke go tlhatlhela boikuelo mo lobakeng lo lo rileng. Boikuelo ke setlankana se mose-kisiwa a  tsibogelang ka sona ditatofatso tse a rwesiwang tsona tse di tlhagelelang ka fa tokomaneng ya taelo ya go iponagatsa kwa kgotlatshekelo.
Gang fa boikuelo bo setse bo tlhatlhetswe, mongongoregi le ene a ka tsibogela boikuelo jono kgotsa a dira kopo ya gore bo kgapelwe kwa thoko.
“Seno se tla tlhotlha gore kgang eno e  kwadisiwe gore e tsene mo lenaneong la ditsheko,” Peta o ne a garela ka go rialo.  vGo tswa mo kgola ganong ya lenyalo moroba go raya eng?Kgotlatshekelo e tla tsibogela kopo ya go tswa mo lenyalong fa e le gore motho yo ba mo rometseng taelo ya go iponagatsa kwa kgotlatshekelo ga a tsibogele taelo eno ka nako e a e neilweng mme ba e mo neetse mo letsogong. Le fa go le jalo, o elediwa gore o ikgolaganye le mokapelo wa gago pele o ka tsaya kgato eno gonne mo tsamaong ya nako a ka tsosa mmudubudu le go tsosolosa kgetse eno ka gore o ne a na le mabaka a a utlwagalang ka jalo ke ka foo a reteletsweng ke go tsibogela taelo eno ka nako.
Lekwalodikgang la Vuk’uzenzele  le tla phasalatsa motseletsele wa diathikele tse di buang ka go tswa mokgolaganong ya lenyalo. Nna o letile seno mo dikgatisong tse di tlang.
